Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 8:1 - Setswana 1970

1 Morago ga moo a ralala metse le metsana ka go latelana, a rera, a bolela Efangele ya puso ya Modimo, a na le ba ba 12,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

1 Mme ka bofefo morago ga moo a etela metse le metsana ya Galalea go bolela go tla ga Bogosi jwa Modimo, mme a tsamaya le barutwa ba gagwe ba ba lesome le bobedi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 MI ga rihala morago ga mouo, a tsamaea a khabaganya metse, le metsana eotle, a rera a bulela evañgelio ea pusho ea Morimo; mi ba tuelev bo ba na nae;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 Ga akofa ga dirala morago ga moo, gore a tsamaye a ye le metse le metsana yotlhe, a rera a bolela Mafoko a a Molemo a bogosi jwa Modimo; le ba ba 12 ba bo ba na nae,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 8:1
18 Iomraidhean Croise  

E rile Jesu a sena go swetsa go laya barutwa ba gagwe ba ba 12, a tloga teng, a ya go ruta batho le go rera mo metseng ya bone.


E a re fa motho a utlwa Lefoko la puso, a sa le tlhaloganye, go tle yo-o-bosula, a phamole se se jwetsweng mo pelong ya gagwe; ke ene wa peo e e jwetsweng mo tseleng.


Jaanong Jesu a tsamaya le Galelea yotlhe, a ntse a ruta mo disenagogeng tsa bone a rera Efangele ya puso, a fodisa malwetse otlhe le makoa otlhe mo bathong.


Jaanong Jesu a tlhatlologanya metse le metsana yotlhe, a ntse a ruta mo disenagogeng tsa bone, a rera Efangele ya puso, a fodisa malwetse otlhe le makoa otlhe.


A ya a rera mo disenagogeng tsa bone kwa Galelea yotlhe, a kgarameletsa medemone kwa ntle.


Mme ngwana a gola, a tia mo moweng; a ba a nna mo dikakeng go fitlha mo letsatsing la go ipontsha mo go Iseraele.


Ka lengwe la malatsi ao, ya re a ruta batho mo Tempeleng, a rera Efangele, baperesiti ba bagolo le Baitsedikwalo ba tla go ene, ba na le bagolo ba morafe,


“Mowa wa Morena o mo go nna, ka gonne o ntloleditse go rerela bahumanegi Efangele; a ba a nthoma go fodisa ba ba pelo di phatlogileng, go bolelela batshwarwi kgololo, le difofu go baa di bona, le ba ba ketekilweng go ba naya tsela ba golotswe,


Ba tloga, ba ralala metsana ka tatelano, ba rera Efangele, ba fodisa balwetse gongwe le gongwe.


e bong sa ga Jesu wa Nasaretha, jaaka Modimo o mo tloditse ka Mowa o o Boitshepo le ka nonofo; yo o ne a dikologa a dira molemo, a fodisa botlhe ba ba gatelelwang ke Diabolo; gonne Modimo o ne o na nae.


Le rona re lo rerela mafoko a boitumelo a tsholofetso e e diretsweng borraetsho,


Ba ka rera jang ba sa rongwe? Jaaka go kwadilwe ga twe: “Kana di dintle jang ne dinao tsa bone ba ba rerang mafoko a a thabisang a a molemo!”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan