Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 7:6 - Setswana 1970

6 Foo Jesu a ya nabo. Jaanong ya re a sa tlhole a le kgakala le ntlo, molaodi-wa-lekgolo a roma ditsala kwa go ene, a mo raya a re: “Morena, se itshwenye; gonne ga ke a lekana gore o tsene ka fa tlase ga ditlhomeso tsa me.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

6-7 Jesu a tsamaya le bone; mme ya re pele ga ba goroga kwa tlung, moeteledipele wa masole a romela ditsala dingwe go ya gore, “Morena o se ka wa itapisa ka go tla kwa lwapeng la me, gonne ga ke a tshwanelwa ke tlotlo e e kalo kgotsa le fa e le go ka kopana nao, bua lefoko fela fa o leng teng mme motlhanka wa me o tlaa fola.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

6 Mi Yesu a ea nabo. Mi erile yana a si khakala le ntlu, mosenturi a roma litsala go ena, tsa mo raea, Morena, u si itapise; gone ki sa cuanela gore u tle kua tlatse ga tlomesho tsa me:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

6 Foo Jesu a ya nabo. Ya re jaana a setse a se kgakala le ntlo, molaodi wa mophato a roma ditsala kwa go ene, tsa ya go mo raya tsa re: “Morena, o se ka wa itapisa, ka gobo ga ke a tshwanela fa o ka tsena kwano tlase ga ditlhomeso tsa me.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 7:6
15 Iomraidhean Croise  

Ga ke a tshwanelwa ke mautlwelo-botlhoko otlhe le boikanyo jotlhe tse o di diretseng motlhanka wa gago. Gonne ke ne ka tshela Joretane yo ke tshotse thobane ya me fela, mme jaanong ke na le meraka e mebedi.


Boikgodiso jwa motho bo tla mo isa tlase, mme yo o ikokobetsang o tla bona tlotlo.


fela jaaka Morwa-Motho a sa tla go direlwa, mme e le go direla le go neela botshelo jwa gagwe losong go nna kgololo ya ba bantsi.”


Nna ke lo kolobeletsa tlhabologo ka metsi; mme yo o tlang morago ga me o nonofile bogolo go nna, yo ke sa tshwanelang go mo tsholela ditlhako; ene o tla lo kolobetsa ka Mowa o o Boitshepo le ka molelo;


A tloga nae, batho ba bantsi ba mo sala morago, ba mo pitlaganya.


Ya re Simone Petoro a bona, a wela fa mangoleng a ga Jesu a re: “Morena, ntlogele, ka gonne ke monna yo o boleo.”


Ya re ba fitlha kwa go Jesu, ba mo rapela ka tlhoafalo ba re: “Go mo tshwanetse, mo direle jalo;


gonne o rata setšhaba sa rona, e bile ke ene yo o re agetseng senagoge.”


Ke ka moo ke ikaileng gore ga ke a tshwanela go tla koo go wena; bua lefoko fela, mme motlhanka wa me o tla fola.


Ya re a sa ntse a bua, ga tla mongwe a tswa kwa ga gabo molaodi wa senagoge, a mo raya a re: “Morwadio o sule; se tlhole o lapisa Moruti.”


e bong sa ga Jesu wa Nasaretha, jaaka Modimo o mo tloditse ka Mowa o o Boitshepo le ka nonofo; yo o ne a dikologa a dira molemo, a fodisa botlhe ba ba gatelelwang ke Diabolo; gonne Modimo o ne o na nae.


Ikokobetseng fa pele ga Morena, mme o tla lo godisa.


Mme o naya boitshwarelo jo bogolo bogolo; ke ka moo o buang o re: “Modimo o ganetsa baikgodisi, mme baikokobetsi o ba naya bopelotlhomogi.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan