Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 7:47 - Setswana 1970

47 Ka ntlha ya moo ke go raya ke re: Dibe tsa gagwe tse di leng dintsi o di itshwaretswe; go bonala jalo, ka a ratile go le gogolo; mme yo o itshwarelwang go le gobotlana, o rata go le gobotlana.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

47 Ka moo dibe tsa gagwe tse dintsi di itshwaretswe, gonne o nthatile thata; mme yo o itshwaretsweng go le gonnye go supa lorato lo lo nnye.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

47 Ki gona, ki gu raeañ, Libe tsa gague tse li li rintsi li icuarecoe; gone o na le lorato lo logolu; mi eo o icuarecoeñ tse ri potlana, o na le lorato lo lo botlana.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

47 Ke gone ke go rayang ke re, dibe tsa gagwe tse di leng dintsi o di itshwaretswe, gonne o ratile go le gogolo; mme yo o itshwaretsweng go le gobotlana, o rata go le gobotlana.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 7:47
25 Iomraidhean Croise  

“Tlayang he, a re sekisanyeng,” go bua Morena: “Le fa dibe tsa lona di hubitse jaaka madi, di tla sweufala jaaka semathana; le fa e le tse dikhibidu jaaka letsoku, di tla nna jaaka boboa jwa nku.


A moikepi a tlogele tsela ya gagwe, le monna yo o kgopo a latlhe maikaelelo a gagwe, a boele kwa Moreneng – foo o tla mo tlhomogela pelo – le kwa Modimong wa rona, gonne o na le boitshwarelo jo bogolo.


gore o akanye, o tlhajwe ke ditlhong, o palelwe ke go bula molomo gape ka ntlha ya ditlhong tsa gago, fa ke go itshwarela tsotlhe tse o di dirileng.” Go bua Morena Modimo.


O tla boa o re tlhomogela pelo gape, o gataka maleo a rona; o tla latlhela dibe tsotlhe tsa rona mo botennye jwa lewatle.


“Yo o ratang rraagwe gongwe mmaagwe bogolo go nna, ga a ntshwanela; le yo o ratang morwawe gongwe morwadie bogolo go nna, ga a ntshwanela.


Ya re Mofarisai yo o mo laleditseng a bona jalo, a ithaya a re: “Yo, fa e ka bo e le moporofeti, a ka bo a itse gore mosadi yo o mo amang ke mang, le gore o ntse jang; gonne ke moleofi.”


Tlhogo ya me ga o a ka wa e tlotsa lookwane; mme ene o ntloditse dinao ka setlolo.


Jaanong a raya mosadi a re: “Dibe tsa gago ò di itshwaretswe.”


Ene yoo, Modimo o mo godisitse ka letsogo la ona le le jang, go nna Moeteledipele le Mopholosi gore a nee Iseraele tlhabologo le boitshwarelo jwa dibe.


Mme molao o tsenye fa gare gore tlolo e ntsifale, mme kwa tlolo e atileng teng, ke kwa bopelotlhomogi bo atileng teng bogolobogolo,


Gonne lorato lwa ga Keresete lo a re tlhotlheletsa, ka re kaya gore fa mongwe a swetse botlhe, ba a bo ba sule botlhe.


Kana mo go Keresete Jesu go rupa le go sa rupeng ga go thuse, go thusa tumelo fela e e itshupang ka lorato.


A bopelotlhomogi bo nne le bone botlhe ba ba ratang Morena wa rona Jesu Keresete mo go sa fetogeng! Amen.


Mme ke rapela gore lorato lwa lona lo nne lo golele pele mo kitsong le mo temogong nngwe le nngwe,


Mme bopelotlhomogi jwa Morena wa rona bo ne jwa nna bogolo mo go fetang mmogo le tumelo le lorato lo lo mo go Keresete Jesu.


Mme fa re tsamaya mo leseding jaaka ona o le mo leseding, re na le kopano mongwe le yo mongwe, e bile madi a ga Jesu Keresete, Morwaa-ona, a re itshekisa boleo jotlhe.


Banaka, a re se rateng ka lefoko, le fa e le ka loleme, mme a e nne ka tiro le ka boammaaruri.


Rona re a o rata; gonne ona o re ratile pele.


Gonne lorato lwa go rata Modimo ke fa re tshegetsa ditaolo tsa ona, mme ditaolo tsa ona ga di thata.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan