Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 7:41 - Setswana 1970

41 Jesu a re: “Batho ba le babedi ba ne ba tsere molato mo moadiming mongwe, wa ntlha a le molato wa diranta di le 50, yo mongwe wa di le tlhano.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

41 Hong Jesu a mmolelela polelo e: “Monna o kile a adima batho ba babedi madi, a adima yo mongwe dikete di le tlhano tsa dipula mme a adima yo mongwe makgolo a matlhano a dipula.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

41 Gabo gole muñ oa molatu, a na le ba tu ba ba molatu nae; moñue a le molatu denari li faev hundereda, mi eo moñue a le molatu nae li faevte.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

41 “Ga bo go le motho yo go tsewang dilo molato mo go ene, a bo a na le batho ba le babedi ba ba molato nae; mongwe a le molato diponto di le 50, yo mongwe a le molato diponto di le tlhano fela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 7:41
17 Iomraidhean Croise  

Morena o bua jaana a re: “Lokwalo lwa tlhalo la ga mmaeno lo kae, lwa ke mo tlhadileng ka lone? Gongwe ke molato le mang, yo ke lo rekisitseng mo go ene? Bonang, lo rekisitswe ka ntlha ya melato ya lona. Mmaalona o tlhadilwe ka ntlha ya maleo a lona.


Mme Morena a nthaya a re: “Iseraele wa moikepi o itshupile a siame bogolo go Juta yo o seng boikanyo.


“Rraarona o swetse kwa sekakeng, mme o ne a se mo lekokong la ba ba utlwanyeng go lwa le Morena mo lekokong la ga Kora, mme o sule ka ntlha ya maleo a gagwe, a se na bomorwa.


“Jaanong motlhanka yoo a tswa, a kopana le yo mongwe wa batlhanka-ka-ene, yo o mosuga nae diranta di le some, a mo tshwara, a mmeta a re: ‘Lefa molato wa gago!’


O re itshwarele melato ya rona, jaaka le rona re itshwarela ba ba melato le rona.


A ba araba a re: “A ba fiwe ke lona, ba je!” Ba mo raya ba re: “A ò raya gore re ye go reka dinkgwe tsa diranta di le 20, re tle go ba fa, ba je?”


O re itshwarele melato ya rona, jaaka le rona re itshwarela ba ba melato le rona. O se re gogele mo thaelong; mme o re golole mo bosuleng.’ ”


Mme yo o se kang a itse, mme a dira tse di tshwanetseng kotlo, o tla bediwa go le gonnye. Mongwe le mongwe yo o neetsweng tse dintsi, go tla batlwa tse dintsi mo go ene; yo o filweng taolo mo go tse dintsi, go tla batlwa tse di fetisang mo go ene.


Gongwe ba ba 18 ba turio e ba wetseng kwa Siloame, ya ba bolaya, a lo itlhoma gore ba ne ba le molato go feta batho botlhe ba ba agileng mo Jerusalema?


Jesu a tswa molomo, a mo raya a re: “Simone, ke na le lefoko nao.” Ene a re: “Moruti, bua.”


Ka ntlha ya moo ke go raya ke re: Dibe tsa gagwe tse di leng dintsi o di itshwaretswe; go bonala jalo, ka a ratile go le gogolo; mme yo o itshwarelwang go le gobotlana, o rata go le gobotlana.”


gonne botlhe ba leofile, ba tlhoka tlotlo fa pele ga Modimo,


Mme molao o tsenye fa gare gore tlolo e ntsifale, mme kwa tlolo e atileng teng, ke kwa bopelotlhomogi bo atileng teng bogolobogolo,


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan