Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 7:40 - Setswana 1970

40 Jesu a tswa molomo, a mo raya a re: “Simone, ke na le lefoko nao.” Ene a re: “Moruti, bua.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

40 Hong Jesu a buela kwa godimo a araba dikakanyo tsa ga Simone wa Mofarasai a re, “Ke na le sengwe se ke batlang go se bua le wena.” Simone a fetola are, “Gosiame moruti, tswelela.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

40 Mi Yesu a araba a mo raea, Simona, ki na le se ’nka se gu raeañ. Mi a re, Rabi, bua.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

40 Mme Jesu a mo fetola a re: “Simone, ke na le sengwe se nka se buang nao.” Ene a re: “Moruti, a ko o bue.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 7:40
16 Iomraidhean Croise  

A ba a re: “Ke tsile go bua nao.” Batsheba a re: “Bua.”


Jaanong ba phuthegela kwa go wena jaaka morafe, ba nna fatshe fa pele ga gago jaaka morafe wa me, ba utlwa mafoko a gago, mme ga ba a ke ba a dirafatsa; gonne ba bua maikano a lorato ka melomo ya bone, mme dipelo tsa bone di latetse kgwebo ya bone ya tshiamololo.


“Morwa o tlotla rraagwe, motlhanka o boifa morena wa gagwe. Jaanong fa ke le Rara, tlotlo ya me e kae? Fa ke le Morena, go mpoifa go kae? Morena wa masomosomo o raya lona, baperesiti, ba lo nyatsang leina la me. Mme lo botsa lo re: ‘Re nyaditse leina la gago ka eng?’


Mme a akofa a tla go Jesu a re: “Dumela, Rabbi! ” a ba a mo atla.


Ba bantsi ba tla nthaya ka letsatsi leo ba re: ‘Morena, Morena, a ga re a ka ra rera Lefoko la Modimo ka leina la gago, ra ba ra leleka medemone ka leina la gago, ra ba ra dira ditiro tse dikgolo ka leina la gago?’


Jaanong molaodi mongwe a mmotsa a re: “Moruti yo o molemo, nka dirang gore ke rue bophelo jo bo sa khutleng?”


Ya re Jesu a lemoga dikakanyo tsa bone, a ba fetola a re: “Lo akanyang mo dipelong tsa lona?


Jesu a ba araba a re: “Ba ba itekanetseng ga ba batle ngaka; mme e batlwa ke ba ba lwalang.


mme ene a bo a itse dikakanyo tsa bone, a raya monna yo o nang le seatla se se omeletseng a re: “Nanoga o eme mo gare!” Yoo a nanoga, a ema fa teng.


Ya re Mofarisai yo o mo laleditseng a bona jalo, a ithaya a re: “Yo, fa e ka bo e le moporofeti, a ka bo a itse gore mosadi yo o mo amang ke mang, le gore o ntse jang; gonne ke moleofi.”


Jesu a re: “Batho ba le babedi ba ne ba tsere molato mo moadiming mongwe, wa ntlha a le molato wa diranta di le 50, yo mongwe wa di le tlhano.


Lo mpitsa Moruti le Morena, mme lo bua sentle; gonne ke se ke leng sona.


Jesu a lemoga gore ba rata go mmotsa; a ba raya a re: “A lo botsanya ka ga se ke se buileng, fa ke re: ‘Morago ga sebakanyana ga lo nke lo mpona, mme morago ga sebakanyana gape lo tla mpona’?


Jaanong re itse gore o itse dilo tsotlhe, mme ga go batlege gore motho a go botse. Ke ka moo re dumelang gore o tswa mo Modimong.”


Yoo a tla go Jesu bosigo, a mo raya a re: “Moruti, re itse gore o moruti yo o tswang kwa Modimong; gonne ga go ope yo o ka dirang ditshupo tse wena o di dirang, fa Modimo o se na nae.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan