Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 7:39 - Setswana 1970

39 Ya re Mofarisai yo o mo laleditseng a bona jalo, a ithaya a re: “Yo, fa e ka bo e le moporofeti, a ka bo a itse gore mosadi yo o mo amang ke mang, le gore o ntse jang; gonne ke moleofi.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

39 E rile Mofarasai mongwe yo Jesu o neng a mmiditse, a bona se se diregang le gore mosadi e ne e le mang, a ithaya a re, “Se supa gore Jesu ga se moporofiti, gonne fa tota a ne a romilwe ke Modimo, o ka bo a itsile gore mosadi yo ke wa mofuta ofe!”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

39 Mi ka Mofarisai eo o miritseñ a bona yalo, a ithaea, a re, Eo, ha e le le moperofeti, o kabo a itsile mosari eo o mo amañ, kaha ontseñ ka gona, gone e le moleohi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

39 Jaana ya re Mofarisai yo o mmiditseng a bona jalo, a ithaya a re: “Monna yo, fa e ka bo e le moperofeti, o ka bo a lemogile mosadi yo o mo amang gore ke mang, le ka fa o ntseng ka teng, ka e le moleofi.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 7:39
25 Iomraidhean Croise  

Kehasi, modiredi wa ga Elisa monna wa Modimo a re: “Kana mong wa me o rekegetse Naamane wa Mosiria yoo, a sa amogela sepe mo seatleng sa gagwe sa tse o neng a di tlisitse. Ka botshelo jwa Morena! Ke tla taboga, ke mo latela, ke amogela sengwe mo go ene.”


Gonne o ntse jaaka a akanya mo pelong. Ka molomo o go raya a re: “Jaa, o nwe!” mme pelo ya gagwe yona ga e ree jalo.


ba ba reng: ‘Ema koo, se nkatamele, gonne ò ka fetelwa ke boitshepo jwa me.’ Bao ke musi mo dinkong tsa me; ke molelo o o tukang, ka letsatsi lotlhe.


“Ka mokgwa o o jalo ba morago ba tla nna ba ntlha le ba ntlha ba morago; gonne ba ba biditsweng ba bantsi, mme ba ba tlhaotsweng ga ba banene.”


Mme bontsi jwa batho jwa araba jwa re: “Ke ene moporofeti Jesu yo o tswang kwa Nasaretha wa Galelea.”


Gonne mo teng, mo dipelong tsa batho, go tswa dikakanyo tse di bosula, e bong dikgokafalo le tsa bogodu le dipolao,


Mme a ikakanya a re: ‘Ke tla dira eng, ka ke se na mo nka bolokelang thobo ya me teng?’


Mme Bafarisai le Baitsedikwalo ba ngongorega ba re: “Yo, o tshola baleofi, o ja nabo.”


Mookamedi a ikakanya a re: ‘Ke tla dirang, ka e le fa morena wa me a tlosa bookamedi mo go nna? Ga ke itse go otola, mme go kopa go ntlhabisa ditlhong.


Mme a gana sebaka se seleele; morago ga moo a akanya a re: ‘Le fa ke sa boife Modimo, le motho ke sa re sepe ka ene,


Ka moo, ntshang maungo a a tshwanetseng tlhabologo. Lo se ka lwa simolola go ithaya lo re: ‘Re bana ba ga Aborahame’; gonne ke lo raya ke re: Modimo o nonofile go tsosetsa Aborahame bana ka majwe a.


Ke fa poifo e ba tshwara botlhe, ba be ba galaletsa Modimo ba re: “Moporofeti yo mogolo o tsogile mo gare ga rona!” Gape ba re: “Modimo o lekotse batho ba ona.”


Mme bonang, mosadi mongwe wa motse yo e leng moleofi a utlwa gore o ntse fa dijong mo ntlong ya Mofarisai, a tsisa setlolo ka modutwana wa alabasetere,


a ema ka fa morago fa dinaong tsa gagwe, a lela, a simolola go kolobetsa dinao tsa gagwe ka dikeledi, a di phimola ka moriri wa gagwe, a nna a mo atla dinao, a di tlotsa ka setlolo.


Jesu a tswa molomo, a mo raya a re: “Simone, ke na le lefoko nao.” Ene a re: “Moruti, bua.”


Mosadi a mo raya a re: “Morena, ke lemoga gore o moporofeti.


Mme go ne go le phapaano e kgolo mo bathong ka ntlha ya gagwe; gonne bangwe ba ne ba re: “O molemo;” ba bangwe ba re: “Nnyaya, kana o timetsa batho.”


Ba boa ba bitsa motho gape yo o neng a foufetse, ba mo raya ba re: “Tlotla Modimo fela. Rona re itse gore motho yoo ke moleofi.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan