Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 7:34 - Setswana 1970

34 Morwa-Motho o tsile, a ja, a nwa; mme lo a re: ‘Bonang motho wa lejabobe, monwa-bojalwa, tsala ya bakgethisi le baleofi ke yo!’

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

34 Mme ke ja dijo tsa me e bile ke nwa mofine wa me mme lwa re, ‘Kana Jesu o rata dijo jang! E bile o a nwa! E bile o na le ditsala tsa mofuta o o kwa tlase!’

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

34 Moroa mothu o tlile, a ya, a noa; mi loa re, Bonañ, moyi le monoi oa boyaloa; tsala ea baphuti ba lekhetho le baleohi!

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

34 Morwa Motho o tsile, a ja, a nwa; mme lwa re: ‘Bonang motho yo o tshikiri, le monwa bojalwa, tsala ya bakgethisi le baleofi!’

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 7:34
13 Iomraidhean Croise  

Go tsile Morwa-Motho, a ja, a nwa; mme ba re: ‘Bonang motho yo e leng sejabele le monwi wa weine, tsala ya bakgethisi le baleofi!’ Mme botlhale bo atlholetswe ke bana ba jona.”


Gonne fa lo rata ba ba lo ratang, lo na le tuelo efe? Bakgethisi le bone a ga ba dire jalo?


Ya re Bafarisai ba bona, ba raya barutwa ba gagwe ba re: “Moruti wa lona o jelang le bakgethisi le baleofi?”


Ya re a sena go bua, Mofarisai mongwe a mo kopa gore a fitlhole nae. A tsena, a nna fa dijong.


E rile a tsena mo ntlong ya molaodi mongwe wa Bafarisai ka Sabata go ja senkgwe, bone ba bo ba mo disitse.


Mme Bafarisai le Baitsedikwalo ba ngongorega ba re: “Yo, o tshola baleofi, o ja nabo.”


Ya re botlhe ba bona, ba ngongorega ba re: “O gorogetse kwa monneng wa moleofi go tlhola teng.”


Jaanong Lefi a mo direla moletlo o mogolo mo ntlong ya gagwe, go le bontsi jo bogolo jwa bakgethisi le jwa ba bangwe ba ba ntseng nabo fa dijong.


Johane Mokolobetsi o tsile, a sa je senkgwe, a sa nwe weine; mme lo a re: ‘O na le modemone.’


Mme botlhale bo atlholetswe ke bana botlhe ba jona.”


Jaanong mongwe wa Bafarisai a mo kopa gore a je nae. Jesu a tsena mo ntlong ya gagwe, a nna fa dijong.


Teng ba mo direla moletlo wa dijo, mme Maretha a ba tsholela, Lasaro e le mongwe wa ba ba ntseng nae fa dijong.


Jesu le ene a lalelediwa lenyalo le barutwa ba gagwe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan