Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 7:29 - Setswana 1970

29 Batho botlhe, le bone bakgethisi ba utlwile, ba ineela mo Modimong ka go kolobediwa ka kolobetso ya ga Johane.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

29 Mme botlhe ba ba utlwileng Johane a rera, le e leng bone ba ba neng ba le bosula thata, ba dumela gore se se batlwang ke Modimo se siame, mme ba kolobediwa ke ene.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

29 Mi bathu botle ba ba mo utluañ, le baphuthi ba lekhetho, ba ba bapetisicoeñ ka papetisho ea ga Yohane, ba galaletsa Morimo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

29 Batho botlhe ba mo utlwa, le bakgethisi, ba atlholela Modimo tshiamo, ka ba kolobeditswe ka kolobetso ya ga Johane.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 7:29
15 Iomraidhean Croise  

Ntlhapise sentle, o tlose tshiamololo ya me, o intshekise boleo.


Gonne fa lo rata ba ba lo ratang, lo na le tuelo efe? Bakgethisi le bone a ga ba dire jalo?


Mme fa re ka re: ‘Mo bathong,’ batho botlhe ba tla re kgobotletsa; gonne ba dumetse ruri gore Johane e ne e le moporofeti.”


Bakgethisi le bone ba tla go kolobediwa, ba mmotsa ba re: “Moruti, rona re dire eng?”


Gonne ke lo raya ke re: Mo go ba ba tsetsweng ke basadi ga go ope yo o leng mogolo go feta Johane; mme yo o leng mmotlana mo pusong ya Modimo o mogolo go mo feta.”


Mme botlhale bo atlholetswe ke bana botlhe ba jona.”


Monna yo, o ne a rutilwe Tsela ya Morena, mme a bua ka go tuka mo pelong, a ruta ka kelelelo ka ga Jesu, mme kolobetso o ne a itse ya ga Johane fela.


A botsa gape a re: “Lo kolobeditswe ka kolobetso efe?” Ba re: “Ka kolobetso ya ga Johane.”


Gonne e re ka ba sa itse tshiamo ya Modimo, e bile ba lekile go itlhomela tshiamo ya bone ka bosi, ga ba a ka ba ikokobeletsa tshiamo ya Modimo.


Ba opela sefela sa ga Moše, motlhanka wa Modimo, le sefela sa Kwana ba re: “Ditiro tsa gago di dikgolo, di a gakgamatsa, Morena, Modimo, Mothatayotlhe; ditsela tsa gago di siame, ke tsa boammaaruri, wena Kgosi ya merafe.


Jaanong ka utlwa moengele wa metsi a re: “O siame, wena Moitshepi yo o leng teng, yo o neng o le teng, ka o atlhotse jalo.


Ke fa Atoni-Beseke a re: “Dikgosi tse di 70 tse di kgaotsweng menwana ya kgonotšwe ya diatla le ya dinao di ne di sela matlhotlhora fa tlase ga lobati lwa bojelo lwa me. Jaanong Modimo o mpusoloseditse ka tse ke di dirileng.” Ba mo isa kwa Jerusalema, a swela gona.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan