25 Tota lo ne lo tswela go bona eng? A e ne e le motho yo o apereng diaparo tse di boleta? Kana ba ba apereng diaparo tse dintlentle le ba ba phelang mo letlepung ba mo malapeng a dikgosi.
25 A lo kile lwa mmona a apere diaparo tse di tlhwatlhwa kgolo? Nnyaa! Batho ba ba nnang mo monateng ba bonwa mo matlung a segosi, e seng kwa ntle mo sekakeng.
25 Ana lo lo coela go bonañ? Monona eo o apereñ liaparo tse ri nolo? Bonañ, ba ba apereñ khalalelo, le ba ba tselañ mo letlapeloñ, ba aga mo maloapeñ a likhosi.
25 Kana lo ne lo tswa lo ya go bonang? A lo ne lo re, monna yo o apereng diaparo tse di boleta? Bonang, ba ba apereng dietsela, le ba ba tshelang mo letlepung, ba nna mo malwapeng a dikgosi.
Ke na le dinyaga di le 80 kajeno. A nka farologanya molemo le bosula? Gongwe a nna motlhanka wa gago nka utlwa monate wa se ke se jang le se ke se nwang? Gongwe a ke sa ntse ke ka utlwa mantswe a baopedi ba banna le ba basadi? Ke ka ntlha ya eng fa motlhanka wa gago a sa ntse a ka imela kgosi mongwame?
le dijo tsa lobati lwa gagwe le manno a batlhanka ba gagwe le go itshola ga badiredi ba gagwe le diaparo tsa bone le bathokedi ba gagwe le ditlhabelo tsa phiso tsa gagwe tse o neng a di dira kwa Ntlong ya Morena, ya felelwa ke kakanyo,
gore ba ye go bitsa mohumagadi Wasethi gore a tle fa pele ga kgosi, a rwele serwalo sa bogosi gore e tle e bontshe merafe le dikgosana bontle jwa gagwe; gonne o ne a le montle.
Ka ngwaga wa boraro wa puso ya gagwe a direla dikgosana tsotlhe tsa gagwe le batlhanka ba gagwe moletlo. Le balaodi ba mephato ya Peresia le Media le batlotlegi le baokamedi ba mafatshe ba bo ba le fa pele ga gagwe.
Ka letsatsi la boraro Esetere a apara diaparo tsa bohumagadi, a ya a ema mo lapeng la ka fa teng la ntlo ya kgosi fa go lebanyeng le ntlo ya kgosi, mme kgosi ya bo e dutse mo sedulong sa yona sa bogosi mo ntlong ya bogosi go lebagana le mojako wa ntlo.
Mme Moretogai a tswa fa pele ga kgosi a apere diaparo tsa bogosi tsa bobududu le bosweu, a rwele serwalo se segolo sa gouta, a apere kobo ya masela a masweu le a botala jo bo bohibidu. Mme motse wa Susane wa duduetsa wa itumela.
Johane yoo, seaparo sa gagwe e ne e le sa boboa jwa kammele, a itlamile letheka ka moitlamo wa letlalo; dijo tsa gagwe e ne e le tsie le dinotshe tsa naga.
“Go ne go le motho mongwe yo o humileng, a apere seaparo se sehibidu le lesela le lentle la letseta, a nna a itumela ka letsatsi le letsatsi mo bontlengtleng.
E rile barongwa ba ga Johane ba sena go tsamaya, a simolola go bua le batho ka ga Johane a re: “Lo ne lo tswela kwa sekakeng go bonang? A e ne e le lotlhaka lo lo temekisiwang ke phefo?