Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 7:24 - Setswana 1970

24 E rile barongwa ba ga Johane ba sena go tsamaya, a simolola go bua le batho ka ga Johane a re: “Lo ne lo tswela kwa sekakeng go bonang? A e ne e le lotlhaka lo lo temekisiwang ke phefo?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

24 Erile ba sena go tsamaya Jesu a bua le batho kaga Johane. A re, “Motho yo ke mang yo lo neng lo ile go mmona mo sekakeng sa Judea? A lo ne lwa mmona a le motlhofo jaaka bojang jo bo sutisiwang ke mosumo mongwe le mongwe wa phefo!

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

24 ¶ Mi ka baroñoi ba ga Yohane ba sina rulara, a simolola go raea bontsi ga Yohane, Lo lo coela kua gareganaga lo ea go bonañ? Lotlaka lo lo tsikincoeñ ki pheho?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

24 E rile barongwa ba ga Johane ba sena go tsamaya, a simolola go bua le matshutitshuti a batho ka ga Johane a re: “Kana lo ne lo tswela kwa nageng lo ya go bonang? A lo ne lo solofetse go bona lotlhaka lo lo tshikinngwang ke phefo ne?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 7:24
14 Iomraidhean Croise  

O huhula jaaka metsi. Ga o kitla o nna yo mogolo; ka gonne o kile wa palama mo bolaong jwa ga rraago, wa bo itshekolola. Wa palama mo marobalong a me.


Mme ngwana a gola, a tia mo moweng; a ba a nna mo dikakeng go fitlha mo letsatsing la go ipontsha mo go Iseraele.


le Hanase le Kaifase e le baperesiti ba bagolo, Lefoko la Modimo la tla kwa go Johane, morwa Sagaria, a le mo sekakeng.


Mme go sego yo o sa kgopisegeng ka ga me.”


Tota lo ne lo tswela go bona eng? A e ne e le motho yo o apereng diaparo tse di boleta? Kana ba ba apereng diaparo tse dintlentle le ba ba phelang mo letlepung ba mo malapeng a dikgosi.


A re: “ ‘Ke nna lentswe la mongwe yo o kuang mo sekakeng la re: Siamisang tsela ya Morena!’ ” jaaka Jesaya moporofeti a kile a bua.


gore re se tlhole re nna jaaka bana, re kgokgwediwa jaaka makhubu le go dikolosiwa ke phefo nngwe le nngwe ya thuto ka tsietso ya batho ka fa boferefereng jwa go re logela maano a timetso,


Bao ke metswedi e e se nang metsi, ke mouwane o o kgweediwang ke ledimo, ke ba ba boloketsweng lefifi le lentsho.


Jaanong lona, baratwi, e re ka lo itse dilo tse pele, itiseng gore lo se ka lwa faposiwa ke timelo ya baikepi, lwa wa mo tlhomamong ya lona.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan