Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 7:2 - Setswana 1970

2 Teng go ne go le molaodi-wa-lekgolo mongwe, a na le motlhanka yo a mo ikanyang thata, a lwala, a le gaufi le go swa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

2 Fela ka yone nako eo motlhanka yo mogolo wa moeteledi pele wa mophato wa Seroma o ne a lwala a bile a le gaufi le go swa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Mi gabo gole mosenturi, a na le motlañka eo o mo ratañ segolu, a bobola, a batlile go shua.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 Ga bo go le molaodi wa mophato, a na le motlhanka, mme a mo rata thata, a bo a lwala a le gaufi le go swa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 7:2
24 Iomraidhean Croise  

a re: “A go bakwe Morena, Modimo wa ga Aborahame mongwake, yo o sa tlosang bopelotlhomogi jwa gagwe le boammaaruri jwa gagwe mo go mongwake! O ntsamaisitse mo tseleng, a nkgogela lapeng la monnaa morena wa me.”


Foo ga swa Debora mmelegi wa ga Rebeka, a fitlhwa ka fa ntle ga Bethele ntlheng ya tlase, fa tlase ga mooka; wa ba wa bidiwa setlhare sa selelo.


Fa ke dirile ka bolotsana, fa dinao tsa me di akofetse go tsietsa


Yo o lêmang motlhanka wa gagwe go tloga bonyaneng, la bofelo o tla mmona a nna matepe.


Mme molaodi-wa-lekgolo le ba ba lebeletseng Jesu nae, ya re ba bona thoromo ya lefatshe le tse di dirafalang, ba boifa thata ba re: “Ammaaruri, yo e ne e le Morwa Modimo.”


E rile molaodi-wa-lekgolo a bona se se dirafetseng, a galaletsa Modimo a re: “Ruri, motho yo e ne e le mosiami.”


E rile a sena go wetsa dipolelo tsotlhe tseo tsa gagwe mo ditsebeng tsa batho, a tsena mo Kaperenaume.


Ya re a utlwa ka ga Jesu, a roma bagolo ba Bajuta kwa go ene, a mo rapela gore a tle go fodisa motlhanka wa gagwe.


gonne o ne a na le ngwana wa mosetsana yo o esi, yo o ka neng a le dinyaga di le 12, yo o neng a le gaufi le go swa. Ya re a tsamaya, bontsi jwa batho jwa mo pitlaganya.


Go ne go le monna mongwe kwa Kaisarea yo leina la gagwe e leng Koronelio, e le molaodi-wa-lekgolo mo mophatong o o bidiwang wa Italia,


Ya re moengele yo o buileng nae a sena go tsamaya, a bitsa ba le babedi ba badiredi ba lelapa le motlhabani mongwe yo o boifang Modimo, wa ba ba nang nae ka gale,


Ya re molaodi-wa-lekgolo a sena go utlwa, a ya kwa molaoding-wa-sekete, a mo raya a re: “O tla reng? Motho yo ke Moroma.”


Paulo a bitsa mongwe wa balaodi-ba-lekgolo, a mo raya a re: “Isa lekau le kwa molaoding-wa-sekete; gonne o na le sengwe go se mmegela.”


E rile leeto la rona la go isiwa kwa Italia ka mokoro le sena go rulaganngwa, Paulo le bagolegwi ba bangwe ba neelwa mo thateng ya molaodi mongwe wa lekgolo yo leina la gagwe e leng Juleo, wa mophato wa Kaisara.


Ya re ka moso ra fitlha kwa Sitone. Mme Juleo a direla Paulo ka bopelontle, a mo letlelela go ya kwa ditsaleng tsa gagwe gore a bone tlamelo.


Ya re ka molaodi-wa-lekgolo a rata go boloka Paulo, a ba kganela go dirafatsa maikaelelo ao; a ba a laola gore ba ba itseng go šapa, ba itatlhele pele mo lewatleng gore ba fitlhe kwa lefatsheng,


Lona batlhanka, utlwang beng ba lona ka fa nameng mo dilong tsotlhe, e seng ka go ba direla matlhong jaaka ba ba kgatlhang batho, mme a e nne ka bopelophepa ka go boifa Morena.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan