Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 7:19 - Setswana 1970

19 Foo Johane a ipiletsa barutwa ba le babedi ba gagwe, a ba roma go Morena a re: “A ke wena yo go tilweng: O tla tla, kampo re lebelele o sele?”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

19 a romela bangwe ba barutwa ba gagwe ba le babedi kwa go Jesu go ya go mmotsa ba re, “A o Mesia tota? Kgotsa re nne re mo lebeletse?”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

19 ¶ Mi ka Yohane a biletsa go ena barutoa ba gague ba tu, a ba romela go Yesu, a re, A ki uena eo o tla tlañ? khotsa a re lebeletse o sele?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

19 Johane a ipiletsa barutwa ba gagwe ba le babedi a ba roma kwa go Jesu, ba ya go re: “A ke wena yo o tlang, kgotsa a re lebelele o sele?”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 7:19
38 Iomraidhean Croise  

Ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tla tshegofadiwa ka losika lwa gago, ka ntlha ya gore o utlwile lentswe la me.”


Le gona ke tla baya letlhoo fa gare ga gago le mosadi le fa gare ga losika lwa gago le losika lwa gagwe; lone lo tla go tšhwetla tlhogo, mme wena o tla lo loma serethe.”


Thobane ya bogosi ga e kitla e tloga mo go Juta le e seng lore lwa mmusi fa gare ga dinao tsa gagwe go fitlhelela go be go tle Silo. Ene merafe e tla mo utlwa.


Letlhogela le tla tlhoga mo kutung ya ga Isai; letlhogela le le tswang mo meding ya gagwe le tla ungwa.


Ka ntlha ya moo Morena ka esi o tla lo naya sesupo: Bonang, lekgarebe le tla nna moimana, le belega ngwana wa mosimane, le mo taya leina la Imanuele .


Ka moo o tla ba latlha go ya go fitlhelela sebakeng se mmelegi o belegeng ka sona. Foo masalela a bomorwa-rraagwe a tla boela kwa Baiseraeleng.


Le gona ke tla roromisa ditšhaba tse tsotlhe, mme mahumo a a eletsegang a ditšhaba tsotlhe a tla tla; ke tla tlatsa Ntlo e kgalalelo,’ go bua Morena wa masomosomo.


Itumele thata, morwadia Sione, o duduetse, morwadia Jerusalema; bona, kgosi ya gago e e tla kwa go wena, e siame, e tletse pholoso, e pelonolo, e palame esele, e leng eselana, ngwana wa esele.


“Mme lona ba lo boifang leina la me, letsatsi la tshiamo le tla lo tlhabela, le na le kalafo mo diphukeng tsa lone, mme lo tla bolola, lo tlolaka jaaka dinamane tse di tswang mo sakeng.


Ya baa gona a ipiletsang ba ba 12, a simolola go ba roma ka bobedi le bobedi, a ba naya thata mo meweng e e itshekologileng.


Morago ga dilo tseo Morena a tlhomamisa ba bangwe ba le 70, a ba roma ka bobedi le bobedi go mo etelela pele kwa motseng mongwe le mongwe le felong gongwe le gongwe kwa a tla fitlhang teng ka esi.


E rile a le kwa felong gongwe, a rapela; ya re a khutla, mongwe wa barutwa ba gagwe a mo raya a re: “Morena, re rute go rapela, jaaka Johane le ene a rutile barutwa ba gagwe.”


Mme Morena a mo raya a re: “Kana lona Bafarisai, lo tlhatswa senwelo le mogotšwana ka fa ntle, mme ka fa teng lo tletse megagaru le bosula.


Morena a re: “Kana molebeledi yo o ikanyegang, yo o botlhale ke mang, yo morena wa gagwe o tla mo laodisang badiredi ba gagwe gore a ba abele dijo ka nako tsa teng?


Morena a mo araba a re: “Baitimokanyi ke lona! Mongwe le mongwe wa lona a ga a ke a golola kgomo ya gagwe gongwe esele fa segopong ka Sabata, a ya go e nosa?


Jaanong baapostolo ba raya Morena ba re: “Re okeletse tumelo!”


Mme Morena a re: “Fa lo ka bo lo na le tumelo e e kana ka tlhaka ya peo ya mmasetete, lo ne lo ka raya setlhare se sa mmurubele lo a re: ‘Kumoga o itlhome mo lewatleng!’ mme se ka lo utlwa.


Morena a ba a re: “Lo utlwile se moatlhodi yo o sa siamang o se buileng.


Sakeo a ema, a raya Morena a re: “Bona, Morena, bontlhanngwe jwa tse ke nang natso ke bo naya bahumanegi; mme fa ke tseetse mongwe sengwe ka patiko, ke tla se mmusetsa gane.”


Ke fa Morena a retologa, a leba Petoro, mme Petoro a gakologelwa lefoko la Morena ka fa a mo reileng ka teng a re: “E tla re mokoko o ise o lele kajeno, o intatole gararo.”


ba ba reng: “Ruri, Morena o tsogile, o bonywe ke Simone!”


Ya re Morena a mmona, a mo tlhomogela pelo, a mo raya a re: “Se lele.”


Ya re banna bao ba fitlha kwa go ene, ba re: “Johane Mokolobetsi o re romile kwano go wena a re: ‘A ke wena yo go tilweng: O tla tla, kampo re lebelele o sele?’ ”


Maria yo ke ene yo o kileng a tlotsa Morena setlolo, a mo phimola dinao ka moriri. Kgaitsadie Lasaro ke ene yo o neng a lwala.


E rile Morena a lemoga gore Bafarisai ba utlwile go twe, Jesu o dira barutwa ba le bantsi, e bile o kolobetsa bogolo go Johane,


Mosadi a mo raya a re: “Ke itse gore Mesia yo o bidiwang Keresete o e tla; e tla re a sena go tla, a re bolelele dilo tsotlhe.”


Mekoro e mengwe e e tswang Tiberia ya atamela felong fa ba jetseng senkgwe teng, Morena a sena go leboga.


Jošua, morwa Nune, o na a romile banna ba le babedi ba batlhodi mo sephiring go tswa Sitime a re: “Yaang lo tlhole lefatshe le motse wa Jerigo.” Ba ya ba tsena mo ntlong ya mosadi wa seaka yo leina la gagwe e leng Rahabe, ba lala teng.


Ke tla laela basupi ba babedi ba me, ba tla rera ka malatsi a le 1 260, ba apere dikgetse.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan