Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 7:17 - Setswana 1970

17 Polelo eo ka ga gagwe ya utlwala mo Jutea yotlhe le mo lefatsheng lotlhe le le mo tikologong.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

17 Polelo ya se a se dirileng ka letsatsi leo ya anamela ka bonako go tswa ntlheng e nngwe go ya go e nngwe ya Judea le go kgabaganya melelwane tota.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

17 Mi tumo e ea gague ea halalela mo Yuda yeotle, le mo lithokoñ tsa lehatse.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

17 Tumedi e ka ga gagwe, ya tswela mo lefatsheng lotlhe la Jutea, le mo tikologong yotlhe ya teng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 7:17
8 Iomraidhean Croise  

E rile Jesu a sena go tsalelwa kwa Betleheme wa Jutea mo malatsing a kgosi Herote, batlhalefi bangwe ba tswa kwa botlhabatsatsi, ba fitlha mo Jerusalema ba re:


Tumo ya gagwe ya tswela kwa Siria yotlhe. Batho ba isa go ene botlhe ba ba lwalang, ba ba tshwerweng ke malwetse a mefutafuta le matlhoko, le ba ba tsenyweng ke medemone, le ba ba karalalang, le ba ba suleng mefama, a ba fodisa.


Tumo ya moo ya utlwala mo lefatsheng leo lotlhe.


Mme ba tswa, ba mo tumisa mo lefatsheng leo lotlhe.


Mme tumo ya gagwe ya akofa ya tswela ntlheng tsotlhe mo tikologong yotlhe ya Galelea.


Kgosi Herote a utlwa ka ga Jesu; gonne leina la gagwe le ne le itsege. Mme a re: “Johane Mokolobetsi o tsogile mo baswing, ke ka moo dithata di itshupang mo go ene.”


Jesu a boela kwa Galelea ka thata ya Mowa; mme tumo ya gagwe ya tswela mo lefatsheng lotlhe le le mo tikologong.


Jaanong a atamela, a ama setsholo, mme ba ba mo tshotseng ba ema. Foo a re: “Lekau, ke go raya ke re: Tsoga!”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan