Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 7:13 - Setswana 1970

13 Ya re Morena a mmona, a mo tlhomogela pelo, a mo raya a re: “Se lele.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

13 E rile fa Morena a mmona, pelo ya gagwe ya tlala kutlwelobotlhoko. Mme a mo raya a re, “Se lele!”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

13 Mi ka Morena a mona, a mo utluela botluku, mi a mo raea, U si lele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

13 Ya re Morena a mmona, a mo tlhomogela pelo, a mo raya a re: “Se lele.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 7:13
36 Iomraidhean Croise  

Morena o utlwela ba ba mmoifang botlhoko, jaaka rra-bana a utlwela bana ba gagwe botlhoko.


Mme wena Morena, o Modimo o o boutlwelo-botlhoko le boitshwarelo; ga o fele pelo, o tletse bopelotlhomogi le boammaaruri.


Gonne wena, Morena, o molemo le boitshwarelo; o bopelonomi jo bogolo mo go botlhe ba ba goelang kwa go wena.


mo ditlalelong tsotlhe tsa bone; a ba thusa, e seng morongwi le e seng moengele, nnyaya, ene ka esi a ba golola ka lorato lwa gagwe le ka thekegelo ya gagwe; a ba tsholetsa, a ba belega ka malatsi otlhe a bogologolo.


A Eferaime ke morwaake yo o rategang? Gongwe a ke ngwana yo o nthabisang? Gonne ka nako le nako, fa ke bua ka ga gagwe, ke sa ntse ke na le go mo gopola. Ke ka moo maikutlo a me a mo huduegelang, ke na le go mo tlhomogela pelo.” Morena o buile jalo.


“Ke utlwela batho ba botlhoko, ka gonne jaanong ba setse ba tlhotse le nna malatsi a mararo, mme ga ba na se ba ka se jang.


Morago ga dilo tseo Morena a tlhomamisa ba bangwe ba le 70, a ba roma ka bobedi le bobedi go mo etelela pele kwa motseng mongwe le mongwe le felong gongwe le gongwe kwa a tla fitlhang teng ka esi.


E rile a le kwa felong gongwe, a rapela; ya re a khutla, mongwe wa barutwa ba gagwe a mo raya a re: “Morena, re rute go rapela, jaaka Johane le ene a rutile barutwa ba gagwe.”


Mme Morena a mo raya a re: “Kana lona Bafarisai, lo tlhatswa senwelo le mogotšwana ka fa ntle, mme ka fa teng lo tletse megagaru le bosula.


Morena a re: “Kana molebeledi yo o ikanyegang, yo o botlhale ke mang, yo morena wa gagwe o tla mo laodisang badiredi ba gagwe gore a ba abele dijo ka nako tsa teng?


Morena a mo araba a re: “Baitimokanyi ke lona! Mongwe le mongwe wa lona a ga a ke a golola kgomo ya gagwe gongwe esele fa segopong ka Sabata, a ya go e nosa?


Jaanong baapostolo ba raya Morena ba re: “Re okeletse tumelo!”


Mme Morena a re: “Fa lo ka bo lo na le tumelo e e kana ka tlhaka ya peo ya mmasetete, lo ne lo ka raya setlhare se sa mmurubele lo a re: ‘Kumoga o itlhome mo lewatleng!’ mme se ka lo utlwa.


Morena a ba a re: “Lo utlwile se moatlhodi yo o sa siamang o se buileng.


Sakeo a ema, a raya Morena a re: “Bona, Morena, bontlhanngwe jwa tse ke nang natso ke bo naya bahumanegi; mme fa ke tseetse mongwe sengwe ka patiko, ke tla se mmusetsa gane.”


Ke fa Morena a retologa, a leba Petoro, mme Petoro a gakologelwa lefoko la Morena ka fa a mo reileng ka teng a re: “E tla re mokoko o ise o lele kajeno, o intatole gararo.”


Ya re ba tsena mo teng, ba se ka ba fitlhela setoto sa Morena Jesu.


ba ba reng: “Ruri, Morena o tsogile, o bonywe ke Simone!”


Ya re a atamela kgoro ya motse, ga bo go tshotswe moswi, a isiwa kwa ntle, e le morwa mmaagwe yo o esi, mme ene e le motlholagadi. Bontsi jo bogolo jwa motse jwa bo bo na nae.


Jaanong a atamela, a ama setsholo, mme ba ba mo tshotseng ba ema. Foo a re: “Lekau, ke go raya ke re: Tsoga!”


Foo Johane a ipiletsa barutwa ba le babedi ba gagwe, a ba roma go Morena a re: “A ke wena yo go tilweng: O tla tla, kampo re lebelele o sele?”


Botlhe ba bo ba lela, ba mo hutsafalela. Mme Jesu a re: “Se leleng; gonne ga a a swa, o robetse.”


Maria yo ke ene yo o kileng a tlotsa Morena setlolo, a mo phimola dinao ka moriri. Kgaitsadie Lasaro ke ene yo o neng a lwala.


Jaanong bokgaitsadie ba roma go ene ba re: “Morena, bona, yo ò mo ratang o a lwala.”


Bao ba mo raya ba re: “Mosadi, o lelelang?” A ba fetola a re: “Ke ka gonne ba tlositse Morena wa me, mme ga ke itse gore ba mmeile kae.”


Jesu a mo raya a re: “Mosadi, o lelelang? O batla mang?” Ene a gopola gore ke molemi wa tshimo, a mo raya a re: “Morena, a e re fa e le wena yo o mo tlositseng, o mpolelele gore o mmeile kae, mme ke tla ya go mo tlosa.”


E rile Morena a lemoga gore Bafarisai ba utlwile go twe, Jesu o dira barutwa ba le bantsi, e bile o kolobetsa bogolo go Johane,


Mekoro e mengwe e e tswang Tiberia ya atamela felong fa ba jetseng senkgwe teng, Morena a sena go leboga.


Le ba ba lelang, a ba nne jaaka e kete ga ba lele; le ba ba itumelang, a ba nne jaaka e kete ga ba itumele; le ba ba rekang, a ba nne jaaka e kete ga ba na sepe;


Bakaulengwe, ga re rate gore lo tlhoke go itse ka ga bone ba ba robetseng, gore lo se hutsafale jaaka ba bangwe ba ba se nang tsholofelo;


Ke ka moo o neng a tshwanetse go nna fela jaaka bomorwa-rraagwe mo dilong tsotlhe gore a nne kutlwelo-botlhoko, a nne moperesiti yo mogolo yo o ikanyegang mo dilong tse di lebanyeng Modimo, a tle a batlele batho boitshwarelo jwa dibe.


Gonne moperesiti yo mogolo wa rona ga se yo o palelwang ke go utlwela makoa a rona botlhoko, mme re na le yo o neng a raelwa mo dilong tsotlhe fela jaaka rona, mme a se ka a leofa.


Le gona ba tlosa medimo e sele mo gare ga bona, ba direla Morena. Ke fa a tlhomoga pelo ka ntlha ya pogisego ya Baiseraele.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan