Luke 7:12 - Setswana 197012 Ya re a atamela kgoro ya motse, ga bo go tshotswe moswi, a isiwa kwa ntle, e le morwa mmaagwe yo o esi, mme ene e le motlholagadi. Bontsi jo bogolo jwa motse jwa bo bo na nae. Faic an caibideilLefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha12 Popelelo ya phitlho ya tswela kwa ntle fa Jesu a atamela kgoro ya motsana. Mosimane yo o neng a sule e ne e le ene fela ngwana wa mosimane wa mosadi wa motlholagadi, mme bahutsahadi ba le bantsi ba tswa nae mo motsaneng oo. Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)12 Mi ka a atamela khoro ea motse, bonañ, gabo gole moshui a belegeloa ntle; ea bo e le moroa mague eo esi, mi ea bo e le motlolagari; mi bontsi yo bogolu yoa motse yoa bo bo na nae. Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo12 Jaana ya re a atamela kgoro ya motse, bonang, ga bo go rwelwe moswi, a isiwa kwa ntle; ya bo e le morwa mmaagwe yo o esi, mme ene mmaagwe ya bo e le motlholagadi; le batho ba le bantsi ba motse ba bo ba na le mosadi. Faic an caibideil |
Bona, jaanong losika lotlhe lo tsogetse lelata la gago ba re: ‘Ntsha mmolai wa morwa-rraagwe gore re mmolae ka ntlha ya bophelo jwa morwa-rraagwe yo a mmolaileng, re nyeletse le ene moja-boswa.’ Ke go re: Ba rata go bolaya seloka se se ntshaletseng gore monna wa me a se ka a salelwa ke leina le fa e le lesalela mo lefatsheng.”
Mme Mowa wa kutlwelo-botlhoko le wa go rapelela boitshwarelo ke tla o tshela mo go ba ntlo ya ga Dafita le mo baaging ba Jerusalema, mme ba tla nteba ke le yo ba mo tlhabileng; ba tla mo hutsafalela jaaka go hutsafalelwa loso lwa ngwana yo o esi; ba tla mo lelela ka bogalaka jaaka ngwana yo o tsetsweng pele a lelelwa.