Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 6:8 - Setswana 1970

8 mme ene a bo a itse dikakanyo tsa bone, a raya monna yo o nang le seatla se se omeletseng a re: “Nanoga o eme mo gare!” Yoo a nanoga, a ema fa teng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

8 Hong a itse megopolo ya bone jang! Mme a raya monna yo o neng a golafetse letsogo a re, “Tla o eme fa, fa mongwe le mongwe a tlaa go bonang gone.” Mme monna a dira jalo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

8 Mi ka a itse khopolo tsa bona, a raea monona oa atla se se omeletseñ, Tloga u eme, u eme ha gare. Mi a tloga a ema ha gare.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

8 Mme a itse megopolo ya bone, mme a raya monna yo o seatla se omeletseng a re: “Nanoga, a eme fa gare.” A nanoga a ema fa gare.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 6:8
19 Iomraidhean Croise  

“Wena morwaaka Salomo, itse Modimo wa ga rraago, ò o direle ka pelo yotlhe le ka mowa o o etleetsegileng; gonne Morena o ntse a tlhotlhomisa dipelo tsotlhe, a tlhaloganya maano otlhe a dikakanyo. Fa o o batla, o tla o bona, mme fa o o tlogela, foo o tla go latlha ka bosakhutleng.


Modimo wa me, ke a itse gore o tlhatlhoba pelo, o natefelwa ke mannete; ka bonnete jwa pelo ya me ke ntshitse tsotlhe tse ka pelotshweu; ke bile ke bonye batho ba gago jaanong ka boitumelo ba ba leng fano ba go ntshetsa dineo ka bopelotshweu.


“Ke a itse gore o kgona tsotlhe; ga o palelwe ke sepe se o se ikaeletseng.


Fa re ka bo re lebetse leina la Modimo wa rona, gongwe ra otlololela modimo wa seeng mabogo,


Ga a nke a koafala le e seng go lapa go tsamaya a tlhome tshiamo mo lefatsheng le go tsamaya ditlhakatlhake di lebelele thuto ya gagwe.”


Ya re Jesu a lemoga megopolo ya bone, a ba raya a re: “Lo gopolelang tse di bosula mo dipelong tsa lona?


Jesu a raya motho yo o nang le letsogo le le omeletseng a re: “Emela fa gare.”


Ya re Jesu a mmona, a mmitsa, a mo raya a re: “Mosadi, o golotswe mo bolwetseng jwa gago.”


Ya re Jesu a lemoga dikakanyo tsa bone, a ba fetola a re: “Lo akanyang mo dipelong tsa lona?


Jesu a ba raya a re: “Ke a lo botsa ka re: Se se letleletsweng go dirwa ka Sabata ke eng? A ke go dira molemo, gongwe go dira bosula? A ke go pholosa bophelo, gongwe go bo senya?”


a sa tlhoke go bolelelwa sepe ka ga motho; gonne ene ka esi o ne a itse se se mo mothong.


A mmotsa lwa boraro a re: “Simone, morwa Jona, a o a nthata?” Petoro a hutsafala, ka a mmotsa lwa boraro a re: “A o a nthata?” A ba a mo araba a re: “Morena, o itse dilo tsotlhe, o itse gore ke a go rata.” Jesu a mo raya a re: “Fudisa dinku tsa me!


Re tshwanetse go dira ditiro tsa yo o nthomileng, go sa le motshegare. Bosigo bo e tla jo go seng ope yo o ka kgonang go dira ka jona.


Mme ga ke re sepe ka tsona, le bophelo jwa me ga ke bo kaye se segolo, fa nka swetsa fela tshiano ya me ka boitumelo, e bong tirelo e ke e amogetseng mo go Morena Jesu ya go supa Efangele ya bopelotlhomogi jwa Modimo.


Kana kgosi e itse dilo tseo; e bile ke bua ka bopelokgale fa pele ga yona; gonne ga ke dumele gore sengwe sa dilo tseo se e fitlhegetse; gonne ga di a ka tsa direlwa mo sephiring.


lo sa tshosiwe ke baganetsi mo go sepe ba kganetso ya bone e leng sesupo sa go latlhega ga bone, mme mo go lona e le sa go phologa, mme e le ka Modimo.


Ga go na sebopiwa sepe se se fitlhegileng fa pele ga ona, mme dilo tsotlhe di bipologile, tsa senoga mo matlhong a ona o re nang le go ikarabela fa pele ga ona.


Mme jaanong e re ka Keresete a re bogetse ka fa mmeleng, le lona tlhomelang ona mogopolo oo; gonne yo o bogileng ka fa mmeleng o baketse boleo,


Bana ba gagwe ke tla ba bolaya ka loso; diphuthego tsotlhe di tla itse gore ke nna yo o tlhotlhomisang diphilo le dipelo; mongwe le mongwe wa lona ke tla mo naya ka fa ditirong tsa gagwe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan