Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 6:47 - Setswana 1970

47 Mongwe le mongwe yo o tlang kwa go nna, a utlwa mafoko a me, a a dirisa, ke tla lo supetsa yo a tshwanang nae:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

47-48 Mme botlhe ba ba tlang go reetsa le go nkutlwa ba tshwana le monna yo o agang ntlo mo motheong o o nonofileng o o beilweng mo lefikeng le le kwa tlase. E re fa merwalela e tlhatloga e thubaka ntlo, e eme e nitame mo lefikeng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

47 Le moñue le moñue eo o tlañ go ’na, eo o utluañ mahuku a me go a riha, ki tla lo shupetsa eo o cuanañ nae;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

47 Mongwe le mongwe yo o tlang mo go nna, a utlwa mafoko a me a ba a a dira, ke tlaa lo supetsa gore o tshwana le mang.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 6:47
30 Iomraidhean Croise  

“Sekegang ditsebe, tlayang kwa go nna, lo utlweng! Foo mewa ya lona e tla phela, mme ke tla dira kgolagano le lona e e sa khutleng, ke lo naya mapelotlhomogi a ga Dafita a a tlhomameng.


Gonne mongwe le mongwe yo o dirang go rata ga Rre yo o kwa magodimong, ke ene nnake le kgaitsadiake le mmê.”


Ya re a sa ntse a bua, leru le le lesedi la ba ritifalela ka tshoganyetso, le lentswe la tswa mo lerung la re: “Yoo ke Morwaake yo o rategang, yo ke mo itumelelang; mo utlweng!”


Mme ene a re: “Ee, mme bogolo go sego ba ba utlwang Lefoko la Modimo, ba le boloka.”


“Fa mongwe a tla go nna, mme a sa nthate bogolo go rraagwe le mmaagwe le mosadi le bana le bomorwa-rraagwe le bokgaitsadie le jona botshelo jwa gagwe, ga a ka ke a nna morutwa wa me.


O tshwana le motho yo o agileng ntlo, a epela kwa teng, a thaya motheo mo lefikeng; mme ya re morwalela o tla, metsi a a tlang ka thata a itaaka ntlo eo; mme a retelelwa ke go e tshikinya, ka e agilwe sentle.


Tse di mo mmung o o majwe ke ba e a reng ba utlwile, ba tshole Lefoko ka boitumelo; mme ga ba na modi. Ke ba ba dumelang ka sebakanyana fela, mme mo motlheng wa thaelo ba tenege.


Tse dingwe tsa wela mo mmung o o siameng, tsa mela, tsa ba tsa ungwa ga lekgolo.” Ya re a sena go bua dilo tse, a tlhatlosa lentswe a re: “Yo o nang le ditsebe go utlwa, a a utlwe!”


Dinku tsa me di utlwa lentswe la me, ke a di itse, mme di ntshala morago.


Fa lo itse dilo tse, lo sego fa lo di dira.


“Fa lo nthata, lo tla dirisa ditaelo tsa me.


Mme lo gana go tla kwa go nna, gore lo tle lo nne le bophelo.


Jesu a ba raya a re: “Ke nna senkgwe sa bophelo; yo o tlang go nna ga a ka ke a tlhola a utlwa tlala. Yo o dumelang mo go nna ga a ka ke a tlhola a nyorwa.


Botlhe ba Rara o ba nnayang ba tla tla go nna, mme yo o tlang go nna, ga nka ke ka mo kgarameletsa ntle.


Bajuta ba mo raya ba re: “Jaanong re itse gore o na le modemone. Aborahame o sule, le baporofeti, mme wena o a re: ‘Fa motho a ka tshegetsa lefoko la me, ga a ka ke a utlwa loso ka bosakhutleng.’


Mme e rile a sena go fitlha maemong a a tletseng, a nna mosimolodi wa pholoso e e sa khutleng wa botlhe ba ba mo utlwang,


Jaanong yo o itseng go dira molemo, mme a sa o dire, o a leofa.


Tlayang go ene yo e leng lentswe le le tshelang, le le latlhilweng ke batho, mme e le le le tlhophilweng la botlhokwa mo Modimong;


Ka ntlha ya moo, ba ga etsho, tlhoafalang bogolo gore lo tlhomamise go bidiwa ga lona le go tlhaolwa ga lona; gonne fa lo dira jalo, ga lo kitla lo kgotšwa ka gope.


Fa lo itse gore ene o tshiamo, lo nne lo itse gore le mongwe le mongwe yo o dirang tshiamo o tsetswe ke ene.


Banaka, se timediweng ke ope; yo o dirang tshiamo ke mosiami, jaaka ene e le mosiami.


“Go sego ba ba tlhatswang diaparo tsa bone gore ba nne le tshiamelo mo setlhareng sa bophelo, ba tsene mo motseng ka dikgoro.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan