Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 6:44 - Setswana 1970

44 Kana setlhare sengwe le sengwe se itsiwe ka leungo le e leng la sona. Gonne ga go ke go fulwa difeie mo ditlhareng tse di mitlwa, le gona ga go ke go fulwa leungo la moweine mo mosung.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

44 Setlhare se lemogwa ka mofuta wa loungo lwa sone. Maungo a difeige ga a ka ke a ungwiwa ke ditlhare tse di mitlwa, kgotsa moretlwa mo manganeng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

44 Gone tlare señue le señue se itsioe ka louñuo loa shona. Gone ba thu go ba hule lifeige mo mitlueñ, le louñuo loa movine mo moñaneñ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

44 Gonne setlhare sengwe le sengwe se itsiwe ka loungo lwa sone. Gonne batho ga ba ke ba hula difeige mo ditlhareng tse di mitlwa, le fa e le loungo lwa mofine mo monganeng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 6:44
7 Iomraidhean Croise  

“Dirang gore setlhare se siame, foo le leungo la sona le tla siama; gongwe dirang gore setlhare e nne se se sa siamang, foo le leungo la sona e tla nna le le sa siamang; gonne setlhare se itsiwe ka leungo.


Lo tla ba itse ka maungo a bone. A go a tle go fulwe leungo la moweine mo mitlweng, gongwe difeie mo mesitlwaneng?


Ka moo he, lo tla ba itse ka maungo a bone.


Ba ga etsho, a mofeie o ka ungwa diolefa, gongwe moweine wa ungwa difeie? Fela jalo motswedi wa metsi a a letswai ga o ka ke wa tswela metsi a a monate.


Bao ke dibala tsa ditlhong mo meletlong ya lona ya lorato, ga ba boife go ja le lona le go inontsha fela. Ke maru a a se nang metsi, a a kgweediwang ke diphefo; ke ditlhare tsa mariga tse di se nang maungo, tse di suleng gabedi, di kumotswe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan