Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 6:43 - Setswana 1970

43 “Gonne ga go na setlhare se se siameng se se a tleng se ungwe leungo le le bosula; le gona, ga go setlhare se se sa siamang se se a tleng se ungwe leungo le le monate.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

43 “Setlhare se se tswang mo thitong e e siameng ga se ka ke sa ungwa loungo lo lo motlhofo le ditlhare tse di tswang mo thitong e e motlhofo ga di ka ke tsa ungwa loungo lo lo tlhophegileng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

43 Gone tlare se se molemo se sa uñue louñuo lo lo boshula, le gona tlare se se boshula se sa uñue louñuo lo lo molemo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

43 “Gonne ga go na setlhare sepe se se molemo, se se tleng se ungwe loungo lo lo bosula; le gone ga go setlhare se se bosula, se se tleng se ungwe loungo lo lo molemo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 6:43
8 Iomraidhean Croise  

Kana go ka bo go dirilwe eng gape mo tshimong ya moweine ya me se ke sa se dirang mo go yona? Ntlhaang ke ne ke lebeletse gore e tla ungwa maungo a a monate, mme e ungwile masitlha a a botlha fela?


le go naya ba ba hutsafetseng ba Sione mokgabo wa tlhogo boemong jwa molora le lookwane lwa boitumelo boemong jwa diaparo tsa khutsafalo le kopelo ya pako boemong jwa mowa o o kgobegileng marapo. Mme ba tla bidiwa ditlhare tsa metherebinthe tsa pholoso le ditlhomiwa tsa Morena gore a ikgalaletse ka tsona.


Mme nna ke ne ke go tlhomile o le moweine o montlentle, o le peo ya nnete tota. Jaanong o mphetogetse jang go nna matlhogela a moweine wa naga?


“Dirang gore setlhare se siame, foo le leungo la sona le tla siama; gongwe dirang gore setlhare e nne se se sa siamang, foo le leungo la sona e tla nna le le sa siamang; gonne setlhare se itsiwe ka leungo.


Selepe se setse se beilwe fa meding ya ditlhare; mme setlhare sengwe le sengwe se se sa ungweng leungo le le siameng, se tla rengwa, se be se latlhelwa mo molelong.


Gongwe o ka raya mongwe-ka-wena jang o a re: ‘Motho wetsho, nte ke ntshe lofatsana lo lo mo leitlhong la gago,’ etswe o sa bone kota e e mo leitlhong la gago? Moikaketsi ke wena! Ntsha kota mo leitlhong la gago pele, morago ga moo o ka tlhokomela go ntsha lofatsana lo lo mo leitlhong la mongwe-ka-wena.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan