Luke 6:42 - Setswana 197042 Gongwe o ka raya mongwe-ka-wena jang o a re: ‘Motho wetsho, nte ke ntshe lofatsana lo lo mo leitlhong la gago,’ etswe o sa bone kota e e mo leitlhong la gago? Moikaketsi ke wena! Ntsha kota mo leitlhong la gago pele, morago ga moo o ka tlhokomela go ntsha lofatsana lo lo mo leitlhong la mongwe-ka-wena. Faic an caibideilLefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha42 O ka akanya jang go mo raya o re, mokaulengwe, tla ke go thuse go ntsha selabe mo leitlhong la gago, fa o sa kgone go bona ka ntlha ya mosipori pele ke gone gongwe o ka bonang sentle go dira sengwe ka selabe sa gagwe. Moitimokanyi: Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)42 Khotsa u ka raea mokauleñue oa gago yañ, Mothu ecu, a ki ntse lohatsana lo lo mo itloñ ya gago, le mororo u sa bone mosipuri o o mo itloñ ya gago? Moitimokanyi ki uena, ntsa mosipuri mo itloñ ya gago pele, eriha gona u tla bonañ go ntsa lohatsana lo lo mo itloñ ya mokauleñue oa gago. Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo42 Kgotsa, o tlaa raya wa gaeno jang o re: ‘Mothoetsho, mma ke ntshe selabe se se mo leitlhong la gago,’ le mororo o sa bone mosipuri o o mo leitlhong le e leng la gago? Moitimokanyi ke wena, ntsha mosipuri o o mo leitlhong la gago pele, e dire gone o tlaa bonang sentle go ntsha selabe se se mo leitlhong la wa gaeno. Faic an caibideil |