Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 6:26 - Setswana 1970

26 “Go latlhega lona, fa batho botlhe ba bua sentle ka ga lona; gonne borraabo ba ne ba direla baporofeti ba maaka fela jalo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

26 Mme kutlobotlhoko e lebagane ba ba galalediwang ke batho gonne baporofiti ba tsietso ba ne ba aga ba galalediwa jalo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

26 Go latlega lona ka botle ba tla buañ seiñtle ga lona! gone bo‐rabo ba rihetse yalo baperofeti ba tsieco.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

26 “Go latlhega lona, mogang batho botlhe ba buang sentle ka ga lona, gonne borraabo ba diretse baperofeti ba tsietso fela jalo!

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 6:26
18 Iomraidhean Croise  

Selefera e itshekisiwa mo pitseng e e gakolosang le gouta mo leisong le monna ka melomo ya ba ba mmokang.


ba ba rayang baboni ba re: ‘Lo se ka lwa bona;’ ba raya baporofeti ba re: ‘Lo se ka lwa re rerela boammaaruri! Re boleleleng tse di ka re kgatlhang; re rereleng tsa tsietso!


Baporofeti ba rutile lefoko la Modimo ka maaka, baperesiti ba goga nabo, mme morafe wa me o rata tse di ntseng jalo. Mme lo tla dira eng, fa dilo tseo di feleletse?


Fa monna a ka latela phefo, a tsietsa, a aka a re: ‘Ke tla go rerela go nwa weine le bojalwa’ – e ka nna ene moreredi wa morafe o.


“Itiseng mo baporofeting ba e seng bone, ba ba tlang go lona ba apere diaparo tsa dinku, mme mo teng e le diphiri tse di garolang.


A tatlhego ya lona wee, ba jaanong lo itladitseng dimpa; gonne lo tla bolawa ke tlala! A tatlhego ya lona wee, ba jaanong lo tshegang; gonne lo tla hutsafala lo lela!


Fa lo ka bo lo le ba lefatshe, lefatshe le ka bo le rata se e leng sa lone; mme ka lo se ba lefatshe, mme nna ke lo itlhaoletse mo lefatsheng, ke ka moo lefatshe le lo tlhoileng.


Lefatshe ga le ka ke la lo tlhoa, mme nna le ntlhoile; gonne nna ke ntse ke supa ka ga lone gore ditiro tsa lone di bosula.


Gonne ba ba ntseng jalo ga ba direle Keresete Morena wa rona, mme ba direla dimpa tsa bone; dipelo tsa ba ba sa sekasekeng ba di tsietsa ka mafoko a a borethe le ka dipuo tse dintle.


Banna le basadi ba lo senyang nyalano! A ga lo itse gore go tsalana le lefatshe ke go nna mmaba wa Modimo? Kana yo o ratang go nna tsala ya lefatshe o itira mmaba wa Modimo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan