Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 6:23 - Setswana 1970

23 Lo itumeleng ka letsatsi leo, lo be lo ipele; gonne, itseng, tuelo ya lona e kgolo kwa legodimong; gonne borraabo ba ne ba direla baporofeti fela jalo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

23 Fa moo go diragala itumeleng! Ee, ipeleng gonne lo tla nna le tuelo e kgolo. Mme lo tlaa nna mo lesomong le le siameng baporofiti ba bogologolo ba ne ba dirwa jalo le bone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

23 Itumeleñ mo motleñ ouo, mi lo ipele; gone, bonañ, tuelo ea lona e kholu mo legorimoñ; gone bo‐rabo ba rihetse yalo baperofeti.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

23 “Lo itumele mo motlheng oo, lo bo lo ipele, gonne bonang, tuelo ya lona e kgolo kwa legodimong; gonne borraabo ba diretse baperofeti jalo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 6:23
45 Iomraidhean Croise  

Mme ya re Letlole la Morena le tsena mo motseng wa ga Dafita, Migale morwadia Saule a okomela ka fenstere; jaanong ya re a bona kgosi Dafita a tlolaka a bina fa pele ga Morena, a mo nyatsa mo pelong ya gagwe.


E rile Isebele a bolaya baporofeti ba Morena, Obatya a tshabisa baporofeti ba le lekgolo, a ba suba mo dikgageng, banna ba ba 50 mo go lo longwe, ba ba 50 mo go lo longwe, a ba otla ka bogobe le metsi.


A araba a re: “Ke lwetse Morena, Modimo wa masomosomo, ka tlhoafalo; gonne Baiseraele ba tlogetse kgolagano ya gago, ba thubagantse dialetare tsa gago, ba bolaile baporofeti ba gago ka tšhaka, mo go setseng nna ke le nosi fela, mme ba batla go mpolaya.”


A araba a re: “Ke lwetse Morena, Modimo wa masomosomo, ka tlhoafalo, gonne Baiseraele ba tlogetse kgolagano ya gago, ba thubagantse dialetare tsa gago, ba bolaile baporofeti ba gago ka tšhaka, mo ke setseng ke le nosi fela, mme ba batla go mpolaya.”


Ke fa Isebele a roma morongwi kwa go Elia a re: “A medimo e mpetse, e be e nkokeletse, fa ke sa dire ka bophelo jwa gago kamoso go le kana jaaka o dirile ka maphelo a bone botlhe.”


Ahabe a fetola Elia a re: “A o ntshwere, mmaba wa me?” Elia a re: “Ke go tshwere, ka o ineetse go dira tse di bosula mo matlhong a Morena.


o re: ‘Kgosi e buile jaana ya re: Tsenyang yo mo ntlong ya kgolegelo, a jele bogobe tlase, le metsi a se ka a mo lekana go fitlhelela ke boe ka kagiso.’ ”


Kgosi ya Iseraele ya araba Josafate ya re: “Go sa ntse go le monna a le mongwe yo re ka botsang Morena ka ene, mme ke mo tlhoile, gonne ga a bolelele pele tse di molemo ka ga me, fa e se tse di bosula fela. Ke Miga morwa Imela.” Mme Josafate a re: “A kgosi e se re jalo.”


Ya ba ya re: “A Modimo o ntirele jaana, o be o nkokeletse jaana fa letsatsi le ka phirima kajeno tlhogo ya ga Elisa morwa Safate e sa ntse e le mo go ene.”


Mme ba nna ba sotla barongwi ba Modimo, ba nyatsa mafoko a ona, ba kgoba baporofeti ba ona ga tsamaya bogale jwa Morena jwa tsogela morafe wa gagwe go fitlha mo go se nang kalafo.


“Mme ba go ganetsa, ba go tlogela, ba latlha molao wa gago, ba o hularela, ba bolaya baporofeti ba gago ba ba neng ba ba tlhagisa go ba tlhabololela kwa go wena; ba dira tsa dikgalo tse dikgolo.


Mosiami o tla itumela, fa a bona pusoloso; o tla tlhapa dinao mo mading a baikepi.


Foo ditlhotsi di tla tlola jaaka tshephe. Loleme lwa semumu lo tla duduetsa. Metsi a tla phunyega mo sekakeng, dinoka di ela mo nageng e e omeletseng.


“Bana ba lona ke ba iteetse lefelafela. Ga ba a amogela kgalemelo. Tšhaka ya lona e nyeleditse baporofeti ba lona jaaka tau e e gagolang.


“Gonne bonang, letsatsi le e tla le le tukang jaaka leiso, mme botlhe ba ba ikgogomosang le ba ba dirang tsa boikepo ba tla nna dirite; letsatsi le le tlang le tla ba fisa, le sa ba tlogelele modi le e seng kala,” go bua Morena wa masomosomo.


Itumeleng lo ipele; gonne tuelo ya lona e kgolo kwa magodimong. Gonne ba bogisitse baporofeti jalo, ba ba neng ba le teng pele ga lona.


Ya re Elisabete a utlwa tumediso ya ga Maria, ngwana a tlola mo mpeng ya gagwe. Mme Elisabete a tlala Mowa o o Boitshepo,


Gonne bona, e rile lentswe la tumediso ya gago le tsena mo ditsebeng tsa me, ngwana a tlola ka boipelo mo mpeng ya me.


Mme ratang baba ba lona, dirang molemo, ba adimeng fela, lo sa solofele sepe, mme tuelo ya lona e tla nna kgolo, lo tla nna bomorwa Mogodimodimo. Gonne ene o pelontle mo go ba ba sa lebogeng le mo go ba ba bosula.


a tlhatlosa lentswe a re: “Ema ka dinao, o tlhamalale!” Ke fa a ragoga, a tsamaya.


A ragoga, a ema ka dinao, a tsamaya; a ba a tsena nabo mo Tempeleng, a tsamaya, a tlolaka, a baka Modimo.


Ke fa bone ba tswa fa pele ga lekgotla le legolo, ba itumela ka ba kailwe ba na le tshwanelo ya go tlotlololwa ka ntlha ya leina la gagwe.


Mme e seng gona fela, e bile re ipoka ka ditlalelo, ka re itse gore tlalelo e dira boitshoko,


Ke ka ntlha ya moo ke itumelelang makoa le ditshotlo le ditlalelo le dipogiso le dipitlagano ka ntlha ya ga Keresete; gonne e a re fa ke le bokoa, e be e le gona ke leng thata.


Jaanong ke itumela mo dipogong tse ke di lo bogelang, ke tlatsa ka nama ya me dipitlagano tsa ga Keresete fa di tlhaelang teng, ke direla mmele wa gagwe o e leng phuthego


Fa re itshoka, re tla busa nae; fa re mo itatola, le ene o tla re itatola.


ka a kaya gore kgobo ya ga Keresete ke khumo e kgolo go feta mahumo a Egepeto; gonne o ne a lebile tuelo.


Mme ga go kgonege go o kgatlha kwa ntle ga tumelo; gonne yo o atamelang Modimo o tshwanetse go dumela gore o teng le gore ke ona moduedi wa ba ba o batlang.


Ba ga etsho, e re fa lo wela mo ditekong tsa mefutafuta, lo di kaye boitumelo fela,


Mme itumeleng ka fa dipogiso tsa ga Keresete lo di tlhakanetseng le ene ka teng, gore le mo ponatshegong ya kgalalelo ya gagwe lo tle lo itumele, lo ipele.


“ ‘Yo o nang le tsebe a a utlwe se Mowa o se rayang diphuthego! Yo o fenyang ke tla mo naya Mmana o o fitlhegileng, ke mo naya lentswe le lesweu; mo lentsweng leo go kwadilwe leina le lešwa le go seng ope yo o le itseng, fa e se yo o le amogelang.’


Yo o fenyang, a tlhokomela ditiro tsa me go ya bofelong, ke tla mo naya thata mo baheitaneng.


“ ‘Yo o nang le tsebe a a utlwe se Mowa o se rayang diphuthego! Yo o fenyang ke tla mo naya go ja setlhare sa bophelo se se mo Parateiseng ya Modimo.’


Yo o fenyang o tla rua dilo tseo; ke tla nna Modimo wa gagwe, mme o tla nna morwaake.


Yo o fenyang ke tla mo dira pilara mo Tempeleng ya Modimo wa ka, mme ga a kitla a tlhola a tswa teng; ke tla kwala leina la Modimo wa me mo go ene le leina la motse wa Modimo wa me, e bong Jerusalema yo mošwa, yo o fologang mo legodimong kwa Modimong wa me; ke be ke kwala leina la me le lešwa mo go ene.


Yo o fenyang o tla apesiwa jalo diaparo tse ditshweu; ga nkitla ke phimola leina la gagwe mo bukeng ya bophelo; mme ke tla ipolela leina la gagwe fa pele ga Rre le fa pele ga baengele ba gagwe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan