Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 6:22 - Setswana 1970

22 “Go sego lona, motlhang batho ba lo tlhoang, ba lo tlhanogela, ba lo kgoba, ba nyefola maina a lona jaaka e kete a bosula, ka ntlha ya Morwa-Motho.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

22 “Lo sego motlhang batho ba ba lo ilang ba ikgaoganya le lona ba lo kgoba ba lo senya leina ka ntlha ya gore lo ba me!

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

22 Lo tsegoharicoe ha bathu ba tla lo ila, mogañ ba tla lo khaoganyañ nabo, le go lo khoba, le go latla leina ya lona yaka boshula, ka ntla ea Moroa mothu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

22 Lo sego, mogang batho ba lo ilang, ba ikgaoganya le lona, ba lo kgoba, ba latlha leina la lona jaaka se se bosula, ka ntlha ya Morwa Motho.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 6:22
29 Iomraidhean Croise  

ba ba reng: ‘Ema koo, se nkatamele, gonne ò ka fetelwa ke boitshepo jwa me.’ Bao ke musi mo dinkong tsa me; ke molelo o o tukang, ka letsatsi lotlhe.


Utlwang lefoko la Morena, ba lo boifang lefoko la gagwe! “Go buile bomorwa-rraalona ba ba lo tlhoang, ba ba lo lelekang ka ntlha ya leina la me, ba re: ‘A Morena a ikgalaletse gore re bone boitumelo jwa lone!’ – Mme ba tla tlhajwa ke ditlhong.


Lo tla isiwa fa pele ga balaodi le dikgosi ka ntlha ya me, go nna tshupo mo go bone le mo baheitaneng.


Lo tla tlhoiwa ke botlhe ka ntlha ya leina la me; mme yo o itshokelang bokhutlong, ene o tla pholosiwa.


Yo o bolokang bophelo jwa gagwe o tla latlhegelwa ke jona; mme yo o latlhegelwang ke bophelo jwa gagwe ka ntlha ya me, o tla bo bona.


Mme ba mo kgarameletsa kwa ntle ga tshimo ya moweine, ba mmolaya. “Jaanong mong wa tshimo ya moweine o tla ba dirang?


Lo tla nna ba ba ilegang mo go botlhe ka ntlha ya leina la me.


Go sego lona ba jaanong lo tshwerweng ke tlala; gonne lo tla kgorisiwa. Go sego lona ba jaanong lo lelang; gonne lo tla tshega.


Le fa go ntse jalo ba bantsi ba balaodi le bone ba dumela mo go ene; fela ba ne ba sa ipolele ka ntlha ya Bafarisai gore e se re gongwe ba kgaolwa mo senagogeng.


Ba tla lo kgaola mo disenagogeng; ee, nako e e tla e mongwe le mongwe yo o lo bolayang o tla itlhomang e le go direla Modimo.


Ke ba neile lefoko la gago, mme lefatshe le ba tlhoile; gonne ga se ba lefatshe, jaaka le nna ke se wa lefatshe.


Lefatshe ga le ka ke la lo tlhoa, mme nna le ntlhoile; gonne nna ke ntse ke supa ka ga lone gore ditiro tsa lone di bosula.


Ba mo araba ba re: “O tsaletswe mo dibeng gotlhe fela, mme a o a re ruta?” Ba be ba mo kgarameletsa kwa ntle.


Ba nna ba mo reetsa go fitlha mo lefokong le; ya baa gona ba tsholetsang mantswe ba re: “A yo o ntseng jaana a tlosiwe mo lefatsheng; gonne ga go a tshwanela gore a phele!”


Re fitlhetse monna yo a le botlhole, a feretlha mo Bajuteng botlhe mo lefatsheng lotlhe; e bile ke moeteledi pele wa setlhopha sa maitirelo sa Banasaretha.


Kana ke tla mo supetsa gore tse a tshwanetseng go di boga ka ntlha ya leina la me di kana kang.”


Go sego monna yo o itshokelang diteko; gonne e tla re a sena go bonwa a fentse diteko, a amogele serwalo sa bophelo se Morena o se solofeditseng bone ba ba mo ratang.


Mme le fa lo ka boga ka ntlha ya tshiamo, lo sego. Lo se ka lwa ba boifa ka gope le e seng go tshoga.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan