Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 6:13 - Setswana 1970

13 Ya re bo sa, a bitsa barutwa ba gagwe, a ba a itlhaolela ba ba 12 mo go bone, a ba bitsa baapostolo, e bong:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

13 Mme ya re letsatsi le tswa a bitsa balatedi ba gagwe a tlhopha ba le lesome le bobedi mo go bone go nna baeteledipele ba barutwa ba gagwe. (Ba ne ba tlhomamisiwa jaaka “Baapostoloi,” ba gagwe kgotsa “Barongwa.”)

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

13 ¶ Mi ka bosasa, a biletsa barutoa ba gague go ena; mi a itseñkela ba tuelev go bona, ba le bona o ba bitsañ Baapostoloi:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

13 Ya re bosigo bo sena go sa, a bitsa barutwa ba gagwe; mme mo go bone a itshenkela ba le 12, ba o bileng a ba raya leina a re, Baaposetole:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 6:13
20 Iomraidhean Croise  

Maina a baapostolo ba ba 12 ke a: Wa ntlha ke Simone yo o bidiwang Petoro, le Andrea morwa-rraagwe; le Jakobo wa ga Sebeteo, le Johane morwa-rraagwe;


Jesu a ba raya a re: “Ammaaruri ke lo raya ke re: E tla re mo bontšhwafatsong, fa Morwa-Motho a nna mo sedulong sa bogosi sa kgalalelo ya gagwe, le lona ba lo ntatetseng lo nne mo ditulong tsa bogosi di le 12, lo buse ditso di le 12 tsa Iseraele.


Ya re a bona bontsi jwa batho, a ba tlhomogela pelo; gonne ba ne ba bogisegile, ba lapile jaaka dinku tse di se nang modisa.


Jaanong baapostolo ba phuthegela kwa go Jesu, ba mmolelela tsotlhe tse ba di dirileng le tse ba di rutileng.


Ya baa gona a ipiletsang ba ba 12, a simolola go ba roma ka bobedi le bobedi, a ba naya thata mo meweng e e itshekologileng.


Ke ka moo le jona Botlhale jwa Modimo bo buileng jwa re: ‘Ke tla roma baporofeti le baapostolo kwa go bone; mme bangwe ba bone ba tla ba bolaya, ba ba bogisa.’


gore lo je lo nwe fa tafoleng ya me mo pusong ya me. Lo tla nna mo ditulong tsa bogosi, lo atlhola ditso tse di 12 tsa Iseraele.”


Simone yo e bileng a mmitsa Petoro, le Andrea morwa-rraagwe, le Jakobo le Johane, le Filipo le Baretolomeo,


Jaanong barutwa ba botsanya ba re: “A mongwe o mo tsiseditse dijo?”


Ya re ba sena go tsena, ba tlhatlogela kwa ntlwaneng e e kwa godimo, kwa ba ne ba nna teng, e bong Petoro le Johane le Jakobo le Andrea le Filipo le Thomase le Baretolomeo le Matheo le Jakobo wa ga Alefeo le Simone-Selote le Juta wa ga Jakobo.


ka lo agilwe mo motheong wa baapostolo le baporofeti o Keresete Jesu ka esi e leng lentswe la sekhutlo la ona,


Ke ene yo o tlhomileng bangwe go nna baapostolo, ba bangwe go nna baporofeti, ba bangwe go nna baefangele, ba bangwe go nna badisa le baruti,


Ka ntlha ya moo, lona ba ga etsho, ba lo itshepileng, ba lo leng baabelwi ba pitso ya legodimo, elang Jesu tlhoko, Morongwi le Moperesiti yo mogolo wa maipolelo a rona,


gore lo gakologelwe mafoko a a sa leng a buiwa pele ke baporofeti ba ba boitshepo, le taolo ya Morena le Mopholosi, e lo e neetsweng ke baapostolo ba lona.


Jaanong ga bonala sesupo se segolo mo legodimong, e bong mosadi yo o apereng letsatsi, ngwedi ona o le fa tlase ga dinao tsa gagwe, mo tlhogong ya gagwe go le serwalo sa dinaledi di le 12.


O itumelele, wena legodimo, le lona baitshepi le lona baapostolo le lona baporofeti; ka gonne Modimo o dirafaditse katlholo ya lona mo go ona!”


Lobota lwa motse lo na le matlapa a motheo a le 12, mo go ona go gwailwe maina a le 12 a baapostolo ba ba 12 ba Kwana.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan