Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 6:11 - Setswana 1970

11 Ke fa bone ba tlala bogale jwa botsenwa, ba botsanya se ba ka se dirang Jesu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

11 Mme ya re ka ntlha ya tiragalo e, baba ba ga Jesu ba galefa thata, mme ba simolola go rerisanya polao ya gagwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

11 Mi ba tlaloa ki botseno; mi ba rana ga se ba tla se rihañ Yesu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

11 Ba tlala botsenwa; mme ba gakololana ka ga se ba ka se dirang Jesu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 6:11
16 Iomraidhean Croise  

Seo ke se se botlhoko thata mo go tsotlhe tse di dirafalang fa tlase ga letsatsi, fa tatlhego e wela botlhe ka go tshwana. Le gona pelo tsa batho di tletse bosula; bosilo bo mo dipelong tsa bone ka malatsi aotlhe a maphelo a bone, mme morago ga moo go iwa kwa baswing.


Jaanong ba gopotsanya ba re: “O raya ka gore ga re a tsaya dinkgwe.”


Ya re baperesiti ba bagolo le Bafarisai ba utlwa ditshwantsho tsa gagwe, ba lemoga gore o bua ka ga bone,


Ya re ba utlwa dilo tseo, botlhe ba ba mo senagogeng ba tlala bogale,


A ba leba botlhe tikologong, a ba a raya motho yoo a re: “Otlola seatla!” A dira jalo, seatla sa gagwe sa fola, sa nna jaaka se sengwe.


Mo malatsing ao a tswela kwa thabeng go rapela; mme a lala a rapela Modimo bosigo jotlhe.


Jaanong baperesiti ba bagolo le Bafarisai ba tsenya lekgotla le legolo ba re: “Re ka dirang, ka monna yoo a dira ditshupo tse dintsi?


Morago ga tseo Jesu a nna a tsamaya mo Galelea; gonne o ne a sa rate go tsamaya mo Jutea, ka Bajuta ba batla go mmolaya.


Ke ne ke ba betsa gantsi mo disenagogeng tsotlhe, ke ba pateletsa go kgala, mme ya re ka ke ba gakaletse mo go fetisang, ka ba ka ba bogisa le kwa metseng e e ka kwa ntle.


Ya re ba sena go laola gore ba tswele kwa ntle ga lekgotla, ba gakololana


Mme Petoro le Johane ba ba fetola ba re: “A go atlhole lona gore a go siame fa pele ga Modimo go utlwa lona bogolo go Modimo;


Ya re bone ba utlwa, ba betwa ke dipelo, ba rata go ba bolaya.


E rile ba utlwa jalo, ba betwa ke pelo, ba mo phuranyetsa meno.


Mme ga ba kitla ba tswelela pele ka boleele; gonne bosilo jwa bone bo tla itsege mo go botlhe, fela jaaka jwa bale bo senogile.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan