Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 5:8 - Setswana 1970

8 Ya re Simone Petoro a bona, a wela fa mangoleng a ga Jesu a re: “Morena, ntlogele, ka gonne ke monna yo o boleo.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

8 Erile Simone Petere a lemoga se se diragetseng a itigela ka mangole fa pele ga ga Jesu mme a re, “Ao, Morena, tswee-tswee, re tlogele ke moleofi yo mogolo go ka nna le wena.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

8 Mi ka Simone Petero a bona yalo, a oela ha mañoleñ a ga Yesu, a re, ’Ntlogela, Morena, gone ki monona oa boleo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

8 Simone Petere ya re a bona jalo, a wela fa mangoleng a ga Jesu a re: “Ntlogela Morena, gonne ke motho wa boleo.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 5:8
19 Iomraidhean Croise  

Dafita a boifa Morena ka letsatsi leo a re: “Letlole la Morena le ka tla jang kwa go nna?”


Ke fa mosadi a raya Elia a re: “O ntiretseng, monna wa Modimo? Ntlha e kete o tlile go nna gore go gopolwe molato wa me, mme morwaake a bolawe!”


“Bona, ga ke lekane. Nka go araba ka reng? Ke itshwara molomo.


Ba raya Moše ba re: “A e nne wena o buang le rona, re tla utlwa; mme a Modimo o se ka wa bua le rona, e se re gongwe ra swa.”


Foo ka bua ka re: “A tatlhego ya me wee, gonne matlho a me a bonye kgosi, Morena wa masomosomo; ke a nyelela, ka ke le motho wa molomo o o maswe; ke bile ke agile mo gare ga morafe o o melomo e maswe.”


Ya re barutwa ba le utlwa, ba wela fa fatshe ka difatlhego, ba boifa segolo.


Ba feta ba tsena mo ntlong, ba bona ngwana, a na le Maria, mmaagwe. Jaanong ba wela fa fatshe, ba mo obamela, ba be ba phutholola matlotlo a bone, ba mo ntshetsa dineo, e bong gouta le maswalo le mera.


Molaodi a araba a re: “Morena, ga go a ntshwanela gore o tsene fa tlase ga ditlhomeso tsa me; bua lefoko fela, mme motlhanka wa me o tla fola;


Ba gwetlha balekane ba bone ba ba mo mokorong o mongwe gore ba tle go ba thusa. Ba tla, mme ba tlatsa mekoro e mebedi eo, mo e bileng ya batla go teba.


A re jalo gonne letshogo le kgakgamalo di ne di mo wetse, le botlhe ba ba nang nae, ka ntlha ya tshwaro ya ditlhapi e ba e bonyeng;


Ya re Maria a fitlha kwa Jesu a leng teng, mme a mmona, a wela fa dinaong tsa gagwe a re: “Morena, fa o ka bo o ne o le teng, kgaitsadiake o ka bo a se ka a swa.”


Gonne gompieno re bona dilo mo seiponing di le letobo, mme ka motlha oo re tla di bona sentle jaaka difatlhego di lebanye; gompieno ke tlhaloganya ka bontlhanngwe, mme ka motlha oo ke tla itse gotlhe, jaaka le nna ke itsilwe gotlhe.


E rile ke mmona, ka wela fa dinaong tsa gagwe jaaka moswi; mme a mpaya seatla se se jang a re: “O se ka wa boifa; ke nna wa ntlha le wa bofelo


Jaanong Manoa a raya mosadi wa gagwe a re: “Ruri, re tla swa, gonne re bonye Modimo.”


Jaanong banna ba Betšhemeše ba re: “Ke mang yo o ka kgonang go ema fa pele ga Morena, Modimo o o boitshepo o? Mme o tla ya kwa ga mang, fa o tloga mo go rona?”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan