Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 5:6 - Setswana 1970

6 Ya re ba dira jalo, ba sobokanya bontsi jo bogolo jwa ditlhapi, matloa a bone a ba a thanyega.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

6 Mme ka nako e matloa a bone a ne a tlala thata mo e leng gore a ne a simolola go gagoga!

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

6 Mi ka ba sina riha yalo, ba phutha bontsi yo bogolu yoa litlapi; mi lotloa loa bona loa khaoga.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

6 Ya re ba sena go dira jalo ba sobokanya bontsi jo bogolo jwa ditlhapi, ditloa tsa bone tsa ba tsa kgaoga.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 5:6
8 Iomraidhean Croise  

Jwala peo ya gago mo mosong; se ikhutsise diatla tsa gago maitsiboa; gonne ga o itse gore go tla mela efe, a ena gongwe ele, kampo a di tla siama mmogo ka bobedi jwa tsona.


Ba gwetlha balekane ba bone ba ba mo mokorong o mongwe gore ba tle go ba thusa. Ba tla, mme ba tlatsa mekoro e mebedi eo, mo e bileng ya batla go teba.


Ke fa ba ba amogetseng lefoko la gagwe ba kolobediwa, mme ka letsatsi leo phuthego ya oketsega ka batho ba ba ka nnang 3 000.


Mme ba bantsi ba bone ba ba utlwileng Lefoko ba dumela; palo ya banna e ne e ka re gongwe ya nna dikete tse tlhano.


Jalo he, bakaulengwe ba me ba ba rategang, nnang tlhomamo, lo se tshikinyege, lo nne lo totele pele mo tirong ya Morena, ka lo itse gore matsapa a lona ga se a lefela mo Moreneng.


A re se lapeng go dira tse di molemo; gonne re tla roba ka sebaka sa teng, fa re sa itsemeletse.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan