Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 5:32 - Setswana 1970

32 Ga ke a tla go biletsa basiami tshokologong, fa e se baleofi fela.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

32 Tiro ya me ke go laletsa baleofi gore ba sokologe mo dibeng tsa bone, eseng go senya nako ya me ka ba ba ikgopolang gore ba setse ba siame thata.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

32 Ga kia tlela go biletsa basiami tlabologoñ, e le baleohi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

32 Ga ke a tla go bitsa basiami, fa e se baleofi fela, gore ba tle boikwatlhaong.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 5:32
26 Iomraidhean Croise  

Gonne go bua jaana yo o tlotlometseng yo o godimodimo, yo o agileng mo bosakhutleng, yo leina la gagwe e leng Yo-o-Boitshepo, a re: “Ke agile kwa godimodimo le mo felong ga boitshepo. Le gona ke ntse ke na le yo o mowa o ngomogileng, o o kokobeditsweng, gore ke lapolose mewa ya ba ba kokobeditsweng, ke rudise pelo tsa ba ba bogisegileng.


“Itiseng gore lo se nyatse ope wa ba babotlana ba; gonne ke lo raya ke re: Baengele ba bone kwa magodimong ba bona ka gale sefatlhego sa ga Rre yo o kwa magodimong.


Jaanong tsamayang, lo ithute gore ke go reng, fa go twe: ‘Ke batla kutlwelo-botlhoko, e seng setlhabelo;’ gonne ke tsile go biletsa baleofi tlhabologong, e seng basiami.”


A re jalo, gonne o ne a itse gore baperesiti ba bagolo ba mo neetse tshekisong ka lefufa.


Ga bo go le mongwe yo o bidiwang Barabase, a golegilwe le ba ba dirileng khuduo, ba e rileng mo khuduong ba bolaya motho.


Ya re Jesu a utlwa, a ba raya a re: “Ba ba itekanetseng ga ba batle ngaka, e batlwa ke ba ba lwalang. Ga ke a tla go bitsa basiami, ke tsile go bitsa baleofi.”


Ke lo raya ke re: Go boitumelo jalo mo baengeleng ba Modimo ka ga moleofi a le mongwe yo o sokologang.”


Ke lo raya ke re: Go tla nna boitumelo jalo mo legodimong ka ga moleofi a le mongwe fela yo o sokologang, bogolo go basiami ba le 99, ba go sa batlegeng tshokologo mo go bone.


gonne Morwa-Motho o tsile go batla le go pholosa se se latlhegileng.”


le gore go rerelwe merafe yotlhe boikwatlhao jo bo isang boitshwarelong jwa dibe ka leina la gagwe, go simolola mo Jerusalema.


Jesu a ba araba a re: “Ba ba itekanetseng ga ba batle ngaka; mme e batlwa ke ba ba lwalang.


Gape ba mo raya ba re: “Barutwa ba ga Johane ba itima dijo gantsi, ba dira merapelo, ba Bafarisai le bone jalo; mme ba gago bone ba a ja, ba a nwa.”


“Fa e le metlha ya botlhoka-kitso, Modimo o e tlhokomologile, mme jaanong o laela batho botlhe mo ntlheng tsotlhe go tlhabologa;


Petoro a ba raya a re: “Tlhabologang, mme a mongwe le mongwe wa lona a kolobediwe ka leina la ga Jesu Keresete go bona boitshwarelo jwa dibe tsa lona, mme lo tla amogela neo ya Mowa o o Boitshepo;


ka supa mo Bajuteng le mo Bagerikeng ka ga tlhabologelo Modimong, le tumelo ya go dumela mo go Morena wa rona Jesu Keresete.


Jaanong he, fetogang pelo lo sokologe gore dibe tsa lona di phimolwe,


Ke lona ba Modimo o lo tsoseditseng Motlhanka wa ona, wa mo romela go tshegofatsa lona pele ka go sokolola mongwe le mongwe wa lona mo bosuleng jwa gagwe.”


Ene yoo, Modimo o mo godisitse ka letsogo la ona le le jang, go nna Moeteledipele le Mopholosi gore a nee Iseraele tlhabologo le boitshwarelo jwa dibe.


Morena ga a diegise polelelopele, jaaka bangwe ba kaya e le tiego; mme o pelotelele le lona, ka a sa rate gore bangwe ba latlhege, mme o rata gore botlhe ba sokologe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan