Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 5:26 - Setswana 1970

26 Foo ba tlholelwa botlhe, ba galaletsa Modimo, ba tlala poifo ba re: “Re tlhotse re bonye disitapelo.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

26 Mme mongwe le mongwe yo o neng a le foo a tshwarwa ke kgakge le letshogo. Mme ba baka Modimo, ba boaboela gangwe le gape ba re, “Re bone dilo tse di gakgamatsang gompieno.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

26 Mi botle ba cuaroa ki go gakhamala, mi ba galaletsa Morimo, mi ba tlaloa ki poiho, ba re, Re bonye lilo tse ri sa rumeloeñ gompienu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

26 Kgakgamalo ya ba tshwara botlhe, mme ba galaletsa Modimo; ba ba ba tlala poifo ba re: “Re bonye dilo di sele gompieno.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 5:26
13 Iomraidhean Croise  

Mme motse o e tla nna tumiso e e thabisang le pako le kgalalelo mo go nna fa pele ga ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe, tse di tla utlwelang molemo otlhe o ke tla o o direlang; di tla roroma, di tetesela ka ntlha ya tse di molemo tsotlhe le ka ntlha ya kagiso yotlhe tse ke tla o direlang tsona.’ ”


Morago ga moo Baiseraele ba tla tlhabologa, ba batla Morena, Modimo wa bone, le Dafita, kgosi ya bone; mo sebakeng sa bofelo ba tla atamela Morena le molemo wa gagwe ka thoromo.


Ke fa batho botlhe ba gakgamala ba re: “A jaana yo ga se Morwa Dafita?”


Ba akofa ba tloga fa phupung ka poifo le boitumelo jo bogolo, ba siana go itsise barutwa ba gagwe.


Ya re batho ba bona, ba boifa, ba be ba galaletsa Modimo o o neileng batho thata e e ntseng jalo.


Mme a tsoga, a tsaya bolao jwa gagwe ka bonako, a tswa fa pele ga bone botlhe, mo botlhe ba bileng ba gakgamala, ba galaletsa Modimo ba re: “Ga re ise re ke re bone se se ntseng jaana.”


Poifo ya wela botlhe ba ba agileng tikologong ya bone; dikgang tsotlhe tseo tsa bolelwa mo lefatsheng lotlhe la makgabana la Jutea.


Ya re Simone Petoro a bona, a wela fa mangoleng a ga Jesu a re: “Morena, ntlogele, ka gonne ke monna yo o boleo.”


Ke fa poifo e ba tshwara botlhe, ba be ba galaletsa Modimo ba re: “Moporofeti yo mogolo o tsogile mo gare ga rona!” Gape ba re: “Modimo o lekotse batho ba ona.”


Ke fa batho botlhe ba ba mo tikologong ya Bagerasa ba rapela Jesu gore a tloge mo go bone; gonne ba ne ba tshwerwe ke poifo e kgolo. Mme a palama mokoro, a boa.


Ya re ba sena go ba kgalemela thata, ba ba naya tsela, ka ba tlhoka ka fa ba ka ba betsang ka teng ka ntlha ya batho; gonne botlhe ba ne ba galaletsa Modimo ka ntlha ya se se dirilweng.


Mme ba galaletsa Modimo ka ntlha ya me.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan