Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 5:24 - Setswana 1970

24 Mme ke tla dira gore lo lemoge, fa Morwa-Motho a na le thata mo lefatsheng ya go itshwarela dibe!” Ke fa a raya yo o suleng mhama a re: “Ke go raya ke re: Tsoga o tsee diphate tsa gago, o ye kwa ntlong ya gago!”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

24 Jaanong ke tlaa supa thata ya me go itshwarela sebe ka go supa nonofo ya me ka go fodisa bolwetse. Mme a raya monna yo o suleng mofama a re, “Ema o menaganye phate ya gago o ye gae.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

24 Mi gore lo itse ha Moroa mothu a na le thata mo hatsiñ go icuarela libe, (a raea eo oa pobolo ea teteselo,) Kia gu raea, Tloga u eme, mi cula bolao yoa gago, u ee kua tluñ ea gago.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

24 Mme gore lo tle lo itse fa Morwa Motho a na le thata mo lefatsheng, ya go itshwarela dibe,” a raya ene yo o teteselang a re: “Ke a go raya, ‘Tsoga o tseye bolao jwa gago, o ye kwa ntlong ya gago.’ ”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 5:24
26 Iomraidhean Croise  

O tla bona tseo, a kgora ka ntlha ya tapisego ya mowa wa gagwe. “Motlhanka wa me yo o siameng o tla siamisa ba bantsi ka kitso ya go mo itse, mme melato ya bone ene o tla e rwala.


“Ka nna ka leba mo diponong tsa bosigo, ka bona yo o tshwanang le Morwa-Motho a tla ka maru a legodimo, a fitlha kwa go Rra-metlha-yotlhe, a atamediwa fa pele ga gagwe.


E rile Jesu a fitlha mo ntlheng ya Kaisarea-Filipi, a botsa barutwa ba gagwe a re: “Batho ba re, Morwa-Motho ke mang?”


“E tla re Morwa-Motho a tla ka kgalalelo ya gagwe, baengele botlhe ba ba boitshepo ba na nae, a nne mo sedulong sa bogosi sa kgalalelo ya gagwe.


Jesu a mo raya a re: “O boletse jalo. Fela ke lo raya ke re: Go tloga jaanong lo tla bona Morwa-Motho a ntse ka fa letsogong le le jang la Nonofo, a bile a tla ka maru a legodimo.”


Jesu a tla kwa go bone, a bua nabo a re: “Thata yotlhe ke e neilwe kwa legodimong le mo lefatsheng.


Tumo ya gagwe ya tswela kwa Siria yotlhe. Batho ba isa go ene botlhe ba ba lwalang, ba ba tshwerweng ke malwetse a mefutafuta le matlhoko, le ba ba tsenyweng ke medemone, le ba ba karalalang, le ba ba suleng mefama, a ba fodisa.


Mme lo tla lemoga gore Morwa-Motho o na le thata mo lefatsheng go itshwarela dibe!” Ke fa a raya yo o suleng mhama a re: “Tsoga o tsee bolao jwa gago, o be o ye kwa ntlong ya gago!”


Morena a ntsha letsogo, a mo ama a re: “Ke a rata; fola!” Mme lepero la mo tlogela ka bonako.


Mme bonang, banna bangwe ba tsisa motho ka diphate yo o suleng mhama, ba leka go mo tsenya mo teng le go mmaya fa pele ga gagwe.


Mo go botlhofo ke gofe, a ke go re: ‘Dibe tsa gago o di itshwaretswe’ gongwe go re: ‘Tsoga o tsamae’?


Jaanong a atamela, a ama setsholo, mme ba ba mo tshotseng ba ema. Foo a re: “Lekau, ke go raya ke re: Tsoga!”


Jesu a mo tshwara seatla, a mo raya a re: “Ngwanaka, tsoga!”


Ya re a sena go bua jalo, a goa ka lentswe le legolo a re: “Lasaro, tswela kwano!”


jaaka o mo neile thata mo nameng yotlhe gore mongwe le mongwe yo ò mo mo neileng a mo nee bophelo jo bo sa khutleng.


Ga go ope yo o kileng a tlhatlogela kwa legodimong, fa e se ene yo o fologileng kwa legodimong, e bong Morwa-Motho yo o mo legodimong.


O bile o mo neetse thata ya go atlhola, ka e le ene Morwa-Motho.


a tlhatlosa lentswe a re: “Ema ka dinao, o tlhamalale!” Ke fa a ragoga, a tsamaya.


Ene yoo, Modimo o mo godisitse ka letsogo la ona le le jang, go nna Moeteledipele le Mopholosi gore a nee Iseraele tlhabologo le boitshwarelo jwa dibe.


Petoro a mo raya a re: “Enea, Jesu Keresete o a go fodisa; tsoga o ikalolele!” A akofa a tsoga.


Ke fa Petoro a ba ntshetsa kwa ntle botlhe, a khubama a rapela, a ba a retologela kwa serepeng a re: “Tabitha, tsoga!” A buduloga matlho, mme ya re a bona Petoro, a kanamologa.


mo gare ga ditlhomo tsa dipone ka bona mongwe yo o tshwanang le Morwa-Motho, a apere seaparo se se fitlhang kwa dinaong, a itlamile sehuba ka moitlamo wa gouta;


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan