Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 5:22 - Setswana 1970

22 Ya re Jesu a lemoga dikakanyo tsa bone, a ba fetola a re: “Lo akanyang mo dipelong tsa lona?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

22 Jesu a ba a setse a itsile se ba se akantseng, mme a fetola a re, “Ke eng fa e le tlhapatso?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

22 Mi ka Yesu a lemoga khopolo tsa bona, a araba a ba raea, Lo gakologeloañ mo peluñ tsa lona?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

22 Ya re Jesu a lemoga megopolo ya bone, a ba raya a re: “Lo akanya eng mo pelong tsa lona?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 5:22
15 Iomraidhean Croise  

“Wena morwaaka Salomo, itse Modimo wa ga rraago, ò o direle ka pelo yotlhe le ka mowa o o etleetsegileng; gonne Morena o ntse a tlhotlhomisa dipelo tsotlhe, a tlhaloganya maano otlhe a dikakanyo. Fa o o batla, o tla o bona, mme fa o o tlogela, foo o tla go latlha ka bosakhutleng.


O itse go nna ga me le go nanoga ga me; o tlhaloganya maikaelelo a me o le kgakala.


Maano a yo o bosula ke maila mo Moreneng, mme mafoko a lorato a phepa mo go ene.


“Mme nna ke itse ditiro tsa bone le megopolo ya bone. Sebaka se e tla sa go kgobokanya ditšhaba tsotlhe le diteme tsotlhe. Di tla tla, di bona kgalalelo ya me.


“Morena Modimo o bua jaana o a re: ‘E tla re ka letsatsi leo megopolo e tswe mo pelong ya gago; ò tla akanya dikakanyo tse di bosula


Ya re Jesu a lemoga, a tloga teng; mme ba bantsi ba mo sala morago, a ba fodisa botlhe.


Jaanong ya re ka a itse megopolo ya bone, a ba raya a re: “Bogosi bongwe le bongwe jo bo ikgaogantseng bo a senyega, le motse mongwe le mongwe, gongwe ntlo e e ikgaogantseng ga e ka ke ya ema.


Ya re Jesu a lemoga megopolo ya bone, a ba raya a re: “Lo gopolelang tse di bosula mo dipelong tsa lona?


Ya re ka Jesu a itse, a ba raya a re: “Lo akanyetsang gore ga lo na dinkgwe? A ga lo ise lo lemoge, le fa e le go tlhaloganya? A dipelo tsa lona di sa ntse di siregile?


A ba a ba raya a re: “Lo huduegelang? Dipelaelo di tsogelang mo dipelong tsa lona?


Jaanong Baitsedikwalo le Bafarisai ba simolola go akanya ba re: “Ke mang yo, yo o buang dikgalo? Ke mang yo o ka itshwarelang dibe, fa e se Modimo fela?”


Mo go botlhofo ke gofe, a ke go re: ‘Dibe tsa gago o di itshwaretswe’ gongwe go re: ‘Tsoga o tsamae’?


Mme Petoro a re: “Anania, ke eng fa Satane a tladitse pelo ya gago go aketsa Mowa o o Boitshepo le go ngobetsa madi a mangwe a naga?


Gonne Lefoko la Modimo le a tshela, le a dira, le bogale go feta tšhaka nngwe le nngwe e e magale mabedi; le a phololela, le be le kgaoganye botshelo le mowa le malokololo le moko, le atlhole dikakanyo le maikutlo a pelo.


Bana ba gagwe ke tla ba bolaya ka loso; diphuthego tsotlhe di tla itse gore ke nna yo o tlhotlhomisang diphilo le dipelo; mongwe le mongwe wa lona ke tla mo naya ka fa ditirong tsa gagwe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan