Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 5:21 - Setswana 1970

21 Jaanong Baitsedikwalo le Bafarisai ba simolola go akanya ba re: “Ke mang yo, yo o buang dikgalo? Ke mang yo o ka itshwarelang dibe, fa e se Modimo fela?”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

21 Mme Bafarasai le baruti ba molao ba botsanya ba re, “Motho yo o ikgopola a le eng?” O a tlhapatsa! E mang fa e se Modimo yo o ka itshwarelang dibe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

21 Mi bakuari le Bafarisai ba simolola go gakololana, ba re, Emañ eo, eo o buañ likhalo? Mañ eo o ka icuarelañ libe, ha e si Morimo osi?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

21 Bakwadi le Bafarisai ba simolola go akanya go re: “E mang yo, yo o buang ditlhapatso? E mang yo o ka itshwarelang dibe fa e se Modimo osi fela?”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 5:21
23 Iomraidhean Croise  

O itshwarela maleo a gago otlhe, o fodisa makoa a gago otlhe.


Mme boitshwarelo bo fa go wena gore o tle o boifiwe.


Ke ne ka go ipobolela boleo jwa me, mme ka se ka ka fitlha tshiamololo ya me. Ke rile: “Ke tla ipobolela Morena ditlolo tsa me,” mme wa tlosa molato wa boleo jwa me. Sela.


A ba nne jaaka moko mo phefong, a moengele wa Morena a tle a ba kgophole.


“Tlayang he, a re sekisanyeng,” go bua Morena: “Le fa dibe tsa lona di hubitse jaaka madi, di tla sweufala jaaka semathana; le fa e le tse dikhibidu jaaka letsoku, di tla nna jaaka boboa jwa nku.


Ke nna, ke nna yo ke phimolang dibe tsa gago; ke ka ntlha ya me, fa ke sa tsotelele maleo a gago.


Ke phimotse maleo a gago jaaka maru le dibe tsa gago jaaka mouwane. Boela kwa go nna, gonne ke go golotse!”


Ao, Morena, utlwa! Morena, itshwarele! Morena, ela tlhoko, o dire jalo; se diege ka ntlha ya gago, Modimo wa me. Gonne motse wa gago le morafe wa gago di bidiwa ka leina la gago.”


Mme go na le bopelotlhomogi le boitshwarelo mo Moreneng, Modimo wa rona; le fa re mo tsogetse


Yo o kgalang leina la Morena o tshwanetse go bolawa. A phuthego yotlhe e mo kgobotletse ka majwe. Le fa e le moeng gongwe yo o tsaletsweng mo gae, fa a kgala leina la Morena a a bolawe.


O tla boa o re tlhomogela pelo gape, o gataka maleo a rona; o tla latlhela dibe tsotlhe tsa rona mo botennye jwa lewatle.


Ke fa moperesiti yo mogolo a ikgagola diaparo a re: “O kgadile Modimo; re sa batlelang basupi? Kana lo utlwile kgalo ya gagwe jaanong; lo gopola eng?”


Ke fa bangwe ba Baitsedikwalo ba ithaya ba re: “Yo, o kgala Modimo.”


Ka moo, ntshang maungo a a tshwanetseng tlhabologo. Lo se ka lwa simolola go ithaya lo re: ‘Re bana ba ga Aborahame’; gonne ke lo raya ke re: Modimo o nonofile go tsosetsa Aborahame bana ka majwe a.


Ka lengwe la malatsi ao a bo a ruta. Bafarisai le Baruta-molao ba bo ba ntse fa fatshe, e le ba ba tswang mo motseng mongwe le mongwe wa Galelea le Jutea le kwa Jerusalema; thata ya Morena ya go fodisa e ne e na nae.


Ya re Jesu a lemoga dikakanyo tsa bone, a ba fetola a re: “Lo akanyang mo dipelong tsa lona?


Ba ba ntseng nae fa dijong ba simolola go akanya ba re: “Ke mang yo, yo e bileng a itshwarela dibe?”


Bajuta ba mo araba ba re: “Ga re go kgobotleletse tiro e e molemo; mme ke ka ntlha ya kgalo, ka e re ò le motho, ò itshema Modimo.”


Ke mang yo o ka bayang batlhaolwi ba Modimo molato? Modimo ke ona o o siamisang.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan