Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 5:20 - Setswana 1970

20 Ya re a bona tumelo ya bone, a mo raya a re: “Monna, dibe tsa gago o di itshwaretswe.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

20 Mme ya re Jesu a bona tumelo ya bone, a raya monna a re, “Tsala ya me, dibe tsa gago di itshwaretswe!”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

20 Mi ka a bona tumelo ea bona, a mo raea, Monona, libe tsa gago u li icuarecoe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

20 Ya re a bona tumelo ya bone, a mo raya a re: “Monna, dibe tsa gago o di itshwaretswe.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 5:20
16 Iomraidhean Croise  

Ene a utlwelela Paulo a bua. Ya re Paulo a tlhoma matlho mo go ene, mme a bona gore o na le tumelo ya go ka pholosiwa,


Foo ba tsisa go ene mongwe yo o suleng mhama, a letse mo bolaong. Ya re Jesu a bona tumelo ya bone, a raya yo o suleng mhama a re: “Namatshega, ngwanaka; dibe tsa gago o di itshwaretswe.”


Jaanong a raya mosadi a re: “Dibe tsa gago ò di itshwaretswe.”


lo itshokelane, lo itshwarelane fa mongwe a ledisiwa ke molato wa yo mongwe; itshwareleng jaaka Morena le ene a lo itshwaretse.


a sa tlhoke go bolelelwa sepe ka ga motho; gonne ene ka esi o ne a itse se se mo mothong.


Ya re Jesu a bona tumelo ya bone, a raya yo o suleng mhama a re: “Ngwanaka, dibe tsa gago o di itshwaretswe.”


Jaanong motho o ka re: “Wena o na le tumelo, nna ke na le ditiro.” Mpontshe tumelo ya gago e e se nang ditiro, mme nna ke tla go bontsha tumelo ka ditiro tsa me.


Mme yo lo mo itshwarelang sengwe, le nna ke a mo itshwarela; gonne le nna, fa ke ne ke na le sengwe go se itshwarela, ke se itshwaretse ka ntlha ya lona fa pele ga sefatlhego sa ga Keresete,


Bona, bogalaka, ee, bogalaka jo bogolo bo mphetogetse kagiso. Wena o ratile mowa wa me, wa nntsha mo moleteng wa nyelelo; gonne o latlhetse maleo otlhe a me kwa morago ga gago.


Ya re a fitlha teng, mme a bona bopelotlhomogi jwa Modimo, a itumela, a ba a ba kgothatsa botlhe gore ba ngaparele Morena ka boikaelelo jwa pelo;


Morago ga moo Jesu a mmona mo Tempeleng, a mo raya a re: “Bona, o fodile; o se tlhole o leofa, gore se se bosula bogolo se se go dirafalele.”


A re: “O se ka wa baya letsogo mo mosimaneng, se mo dire sepe! Gonne jaanong ke a itse gore o boifa Modimo, ka o sa nkganela ka morwao yo o esi.”


Se se botlhofo ke sefe, a ke go re: ‘Dibe tsa gago o di itshwaretswe,’ gongwe go re: ‘Tsoga o tsamae’?


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan