Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 5:2 - Setswana 1970

2 a bona mekoro e mebedi e eme fa letsheng; batshwari ba ditlhapi ba bo ba dule mo go yona, ba tlhatswa matloa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

2 Mme a lebela mekoro e mebedi e e senang sepe e eme fa thoko ga metse fa batshwari ba ditlhapi ba tlhatswa matloa a bone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Mi a bona lishepa li tu li eme ha letseñ; mi bacuari‐litlapi ba rule mo ga cona, go cokotsa litloa tsa bona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 Foo a bona mekoro e le mebedi e eme fa bodibeng, mme batshwari ba ditlhapi ba bo ba dule mo go yone, ba tlhatswa ditloa tsa bone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 5:2
7 Iomraidhean Croise  

Ya re a tsamaya fa letsheng la Galelea, a bona bana ba motho ba le babedi, e bong Simone yo o bidiwang Petoro le Andrea morwa-rraagwe, ba digela letloa mo letsheng; gonne e ne e le batshwari ba ditlhapi.


Ya re a fetela pele go tswa foo, a bona bana ba motho ba bangwe ba le babedi, e bong Jakobo, morwa Sebeteo, le Johane monnawe, ba na le Sebeteo rraabo mo mokorong, ba baakanya matloa a bone; a ba bitsa.


Ya re a tsamaya fa letsheng la Galelea, a bona Simone le Andrea morwa-rraagwe Simone, ba latlhela letloa mo letsheng; gonne e ne e le batshwari ba ditlhapi.


Ya re a ya fa pelenyana, a bona Jakobo wa ga Sebeteo, le Johane morwa-rraagwe, ba le bone ba ne ba le mo mokorong, ba roka matloa.


Ya re Jesu a eme fa letsheng la Genesareta, batho ba mo pitlaganya go utlwa Lefoko la Modimo;


A palama o mongwe wa mekoro, e le wa ga Simone, a ba a mo kopa gore a o katose lefatshe go le gonnye, a nna fa fatshe, a ruta batho a le mo mokorong.


Andrea, morwa-rraagwe Simone Petoro, e ne e le mongwe wa ba babedi ba ba neng ba utlwile Johane, ba mo sala morago.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan