Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 5:17 - Setswana 1970

17 Ka lengwe la malatsi ao a bo a ruta. Bafarisai le Baruta-molao ba bo ba ntse fa fatshe, e le ba ba tswang mo motseng mongwe le mongwe wa Galelea le Jutea le kwa Jerusalema; thata ya Morena ya go fodisa e ne e na nae.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

17 Ka letsatsi lengwe fa a ntse a ruta, bangwe ba molao ba bo ba ntse gaufi nae. (Go ne go bonala fa batho ba ba ne ba tswa mo metsaneng mengwe le mengwe ya Galalea otlhe le Judea, le mo Jerusalema). Mme nonofo ya phodiso ya Morena e ne e le mo go ene.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

17 Mi ga rihala ka tsatsi leñue, ka a ruta, gabo go rutse Bafarisai le baruti ba molao gona, ba ba coañ mo metseñ eotle ea Galilea, le Yuda, le Yerusalema: mi thata ea Morena e le le gona go ba horisa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

17 Ga dirala ya re ka letsatsi lengwe la malatsi ao, ka a ruta, ga bo go le Bafarisai le baruti ba molao ba dutse teng, ba ba tswang mo metseng yotlhe ya Galilea le Jutea, le Jerusalema; mme thata ya Morena ya nna nae go ba fodisa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 5:17
20 Iomraidhean Croise  

Difofu di a bona, batlhotsi ba a tsamaya, balepero ba a phepafadiwa, disusu di a utlwa, baswi ba a tsosiwa, bahumanegi ba rerelwa Efangele.


Jaanong ga tla go Jesu Bafarisai le Baitsedikwalo, ba tswa kwa Jerusalema ba re:


Mme ene ya re a tswa, a simolola go bolela tse dintsi le go utlwatsa tiro eo, mo Jesu a neng a sa tlhole a kgona go tsena mo motseng a bonwa, mme a nna kwa ntle mo mafelong a a senya. Mme batho ba tla go ene, ba tswa ntlheng tsotlhe.


Ba tla tsholetsa dinoga; mme le fa ba ka nwa se se bolayang, ga se nke se ba dira sepe. Ba tla baya balwetse diatla, mme ba tla fola.”


Baitsedikwalo ba ba tsileng, ba tswa Jerusalema, bone ba re: “O na le Beelsebule, mme o kgarameletsa medemone ntle ka molaodi wa medemone.”


Jesu a akofa a itemoga, fa thata e dule mo go ene; a ba a retologa mo bathong a re: “Ke mang yo o amileng diaparo tsa me?”


Jaanong Bafarisai le bangwe ba Baitsedikwalo ba phuthegela kwa go ene, ba tswa Jerusalema.


Mme Bafarisai le Baitsedikwalo ba ngongorega ba re: “Yo, o tshola baleofi, o ja nabo.”


Ya re malatsi a le mararo a sena go feta, ba mo fitlhela mo Tempeleng, a ntse mo gare ga baruti, a ba reeditse, a bile a ba botsolotsa.


Jaanong Baitsedikwalo le Bafarisai ba simolola go akanya ba re: “Ke mang yo, yo o buang dikgalo? Ke mang yo o ka itshwarelang dibe, fa e se Modimo fela?”


Foo Bafarisai le Baitsedikwalo ba bone ba ngongoregela barutwa ba gagwe ba re: “Ke eng, fa lo ja, lo nwa le bakgethisi le baleofi?”


Bontsi jotlhe jwa senka go mo ama; ka gonne thata e ne e tswa mo go ene, a ba fodisa botlhe.


Bafarisai le Baitse-molao bone ba nyatsa maikaelelo a Modimo a go ba thusa, ka ba se ka ba kolobediwa ke ene.


Mme Jesu a re: “Mongwe o nkamile; gonne ke ikutlwile gore thata e dule mo go nna.”


Jesu a mo araba a re: “O moruti wa Iseraele, mme dilo tse ke eng, fa o sa di tlhaloganye?


Mme yo o dirang boammaaruri o tla kwa leseding gore ditiro tsa gagwe di bonatsege gore di dirilwe ka Modimo.”


Modimo wa dira ditiro tsa nonofo tse di gakgamatsang ka diatla tsa ga Paulo,


ka go ntsha letsogo go fodisa, mme a ditshupo le dikgakgamatso di dirwe ka leina la ga Jesu, Motlhanka wa gago yo o boitshepo.”


Jaanong ga ema mongwe mo lekgotleng le legolo, e le Mofarisai yo leina la gagwe e leng Gamaliele, moruta-molao yo o tlotliwang ke batho botlhe, a laela gore baapostolo ba name ba sa ntshediwe kwa ntle.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan