Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 5:14 - Setswana 1970

14 Jesu a mo laya gore a se ka a bolelela ope, a ba a re: “Tsamaya ò ipontshe moperesiti, ò ntshetse phôlô ya gago ka fa Moše a laotseng ka teng, go nna tshupo mo go bone.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

14 Mme Jesu a mo laela gore a tsamaye ka bofefo a sa bolelele ope se se diragetseng le go ya go tlhatlhojwa ke moperesiti wa Sejuta. Mme Jesu a mo raya a re, “Ntsha setlhabelo se ka molao wa ga Moshe se batlwang mo baleperweng ba ba fodisitsweng. Se se tlaa supegetsa mongwe le mongwe gore o fodile.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

14 Mi a mo laola gore a si bulelele ope; mi u tsamaee, u icupetse moperiseti, mi u nee bointlahaco yoa gago, yaka Moshe a laotse, go na seshupo go bona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

14 Mme a mo laya gore a se ka a bolelela ope; mme a re: “Tsamaya o itshupetse moperesiti, o ntshetse bontlafatso jwa gago ka fa Moše o laotseng ka teng, gore e nne tshupo mo go bone.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 5:14
12 Iomraidhean Croise  

“Fa motho a na le thurugo gongwe motshwa gongwe tshubaba e tshweu mo letlalong la gagwe, mme go fetoga go nna sebata sa lepero mo go lone, a a isiwe kwa go moperesiti Arone gongwe kwa go mongwe wa bomorwawe ba baperesiti.


fa sebata seo se le botala jo bo tlhakanyeng le bosetlha gongwe se le sehibidu; le fa se le mo seaparong gongwe mo letlalong, le fa se le mo ditlhaleng tse di tlhamalalang gongwe mo go tse di kgabaganyang, le fa se le mo go eng se se dirilweng ka letlalo, ke sebata sa lepero. A se supediwe moperesiti.


Lo tla isiwa fa pele ga balaodi le dikgosi ka ntlha ya me, go nna tshupo mo go bone le mo baheitaneng.


Mme a ba laela thata gore ba se ka ba mo tumisa,


Jesu a ba a mo raya a re: “O itise gore o se ka wa bolelela ope; mme yaa o ipontshe moperesiti, o be o ise neo e Moše o e laetseng, go nna tshupo mo go bone.”


Foo matlho a bone a foufologa. Mme Jesu a ba laela thata a re: “Lo itise gore lo se itsise ope.”


a mo raya a re: “Itise gore o se ka wa bolelela ope sepe! Mme tsamaya o ipontshe moperesiti, o be o ntshetse phepafalo ya gago tse Moše o di laotseng, go nna tshupo mo go bone.”


Mme gongwe le gongwe kwa lo sa tsholweng teng, ba sa lo utlwe, e re lo tswa teng, lo itlhotlhore lorole lo lo fa tlase ga dinao tsa lona, go nna tshupo mo go bone.”


Ya re a ba bona, a ba raya a re: “Yaang lo itshupetse baperesiti!” Ya re ba tsamaya, ba phepafala.


Morena a ntsha letsogo, a mo ama a re: “Ke a rata; fola!” Mme lepero la mo tlogela ka bonako.


Mme botlhe ba ba sa lo tsholeng, e re lo tswa mo motseng oo, lo itlhotlhore lorole mo dinaong, go nna tshupo ka ga bone.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan