Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 5:13 - Setswana 1970

13 Morena a ntsha letsogo, a mo ama a re: “Ke a rata; fola!” Mme lepero la mo tlogela ka bonako.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

13 Hong Jesu a otlolola seatla a ama monna yoo mme a re, “Go ntse jalo ke a rata, fola!” Mme lepero la mo tlogela ka bonako.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

13 Mi a ntsa seatla, a mo ama, a re Kia rata, ntlahala. Mi lepero ya akoha ya mo tlogela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

13 Mme a otlolola seatla, a mo ama a re: “Ke a rata, o ntlafale.” Mme fela ka bonako lepero la mo tlogela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 5:13
15 Iomraidhean Croise  

Modimo wa re: “A go nne lesedi!” Mme lesedi la nna teng.


Modimo wa ba wa re: “A metsi a a kwa tlase ga legodimo a phuthegele kwa felong go le gongwe gore go bonale mmu o o omileng.” Mme ga dirafala jalo.


Mme Elisa a roma morongwi a re: “Yaa o tlhape gasupa mo Joretane, foo mmele wa gago o tla go boela, mme o itsheka.”


Ke fa a fologa, a ikina gasupa mo Joretane ka fa lefokong la monna wa Modimo. Mme nama ya gagwe ya boa, ya tshwana le nama ya mosimanyana, a itsheka.


Gonne o buile, mme ga direga; a laola, ga ba ga nna teng.


Ke tla lo golola mo go tsotlhe tse di maswe tsa lona, ke be ke bitsa mabele, ke a ntsifatsa, ke sa tlhole ke lo bolaisa tlala.


“Ke tla fodisa boikepo jwa bona, ke ba rata ka pelotshweu; gonne bogale jwa me bo boile mo go bona.


Jesu a ntsha letsogo, a mo ama a re: “Ke a rata, phepafala!” Mme a akofa a fola lepero la gagwe.


Jesu a ema, a mo okama, a kgalemela go fisa, mme ga mo tlogela; a akofa a tsoga, a ba direla.


Bonang, e rile a le mo motseng mongwe, ga bo go le monna yo o tletseng lepero; ya re a bona Jesu, a wela fa fatshe ka sefatlhego, a mo rapela a re: “Morena, fa o rata, o ka mphodisa, ka phepafala.”


Jesu a mo laya gore a se ka a bolelela ope, a ba a re: “Tsamaya ò ipontshe moperesiti, ò ntshetse phôlô ya gago ka fa Moše a laotseng ka teng, go nna tshupo mo go bone.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan