Luke 5:12 - Setswana 197012 Bonang, e rile a le mo motseng mongwe, ga bo go le monna yo o tletseng lepero; ya re a bona Jesu, a wela fa fatshe ka sefatlhego, a mo rapela a re: “Morena, fa o rata, o ka mphodisa, ka phepafala.” Faic an caibideilLefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha12 Mme ka letsatsi lengwe mo motsaneng mongwe o a neng a o etela, teng koo ga bo go le monna yo o neng a na le lepero le le sa foleng. Erile a bona Jesu a itigela fa fatshe fa pele ga gagwe, a oba sefatlhogo a kopa gore a fodisiwe. A re, “Morena, fa o rata o ka mphodisa.” Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)12 ¶ Mi ga rihala ka a le mo motseñ moñue, bonañ, gabo gole monona eo o tletseñ lepero; ka a bona Yesu a oela ka sehatlogo, a mo rapela, a re, Morena, ha u rata, u ka ’nntlahatsa. Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo12 Ga dirala e rile le mo motseng mongwe, bonang, monna yo o tletseng lepero; yo e rileng a bona Jesu a wela fa fatshe ka sefatlhogo, a mo rapela, a re: “Morena, fa o rata, o na le thata go nntlafatsa.” Faic an caibideil |