Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 5:1 - Setswana 1970

1 Ya re Jesu a eme fa letsheng la Genesareta, batho ba mo pitlaganya go utlwa Lefoko la Modimo;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

1 Mme ya re ka letsatsi lengwe a rera mo lotshitshing lwa lecha la Genesareta, bontsintsi jo bogolo jwa batho jwa kokoanela mo go ene go reetsa Lefoko la Modimo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 MI ga rihala ka bontsi bo mo pitlaganya go utlua huku ya Morimo, a ema ha letseñ ya Genesareta,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 Ga dirala ya re ka batho ba bantsi ba mo pitlaganya, ba utlwa lefoko la Modimo, a bo a eme fa bodibeng jwa Geneserete.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 5:1
21 Iomraidhean Croise  

Molelwane o be o fologele kwa Ribela ntlheng ya botlhabatsatsi ya Aine go tloga kwa Sefame; molelwane o be o fologe, o ame dithota tsa letsha la Khinerethe ntlheng ya botlhabatsatsi.


Go tloga mo malatsing a ga Johane Mokolobetsi go fitlha jaanong, puso ya magodimo e tlhaselwa ka thata, mme batlhasedi ba a e thopa.


Ya re ba sena go tshela, ba fitlha kwa lefatsheng la Genesareta.


Ke fa a bua le barutwa ba gagwe gore mokorwana o mo lete ka ntlha ya bontsi, gore bo se mo pitlaganye;


Jaanong a boa a simolola gape go ruta fa letsheng. A phuthegelwa ke batho ba bantsi, mo o bileng a palama mokoro, a nna teng a le mo letsheng, batho botlhe ba le mo lefatsheng fa letsheng.


A tloga nae, batho ba bantsi ba mo sala morago, ba mo pitlaganya.


Ya re ba sena go tshelela kwa lefatsheng, ba fitlha kwa Genesareta, ba be ba gokelela mokoro.


E rile go sa le jalo, diketekete tsa batho di sena go phuthega, mo ba bileng ba gatana dinao, a simolola go bua pele le barutwa ba gagwe a re: “Itiseng mo matlhabegong a Bafarisai, a e leng boitimokanyo.


a bona mekoro e mebedi e eme fa letsheng; batshwari ba ditlhapi ba bo ba dule mo go yona, ba tlhatswa matloa.


Ka lengwe la malatsi ao a palama mokoro le barutwa ba gagwe, a ba raya a re: “A re tsheleleng kwa moseja ga letsha.” Mme ba bolola.


Ya re ba ntse ba tsamaya, a thulamela. Ga fologela matsubutsubu a phefo mo letsheng, metsi a ba gasegela, mme ba nna mo kotsing.


Foo medemone ya tswa mo mothong, ya tsena mo dikolobeng, mme lekgamu la kgokologela ka fa makgotlhong mo letsheng, la betwa ke metsi.


Ke fa Jesu a re: “Ke mang yo o nkamileng?” Ya re ba itatola botlhe, Petoro le ba ba nang nae ba re: “Moruti, bontsi bo go pitlagantse, ba kataganye fa go wena.”


Andrea, morwa-rraagwe Simone Petoro, e ne e le mongwe wa ba babedi ba ba neng ba utlwile Johane, ba mo sala morago.


E rile morago ga tseo Jesu a tshelela kwa moseja ga letsha la Galelea, le e leng la Tiberia.


le lebala la Joretane ntlheng ya botlhabatsatsi, Joretane e le molelwane go tloga kwa Khinerethe go fitlha kwa Lewatleng la Lebala, e bong Lewatleng la Letswai fa tlase ga thaba ya Phiseka.


Gopolang baruti ba lona ba ba lo boleletseng Lefoko la Modimo, elang bokhutlo jwa tsamao ya bone tlhoko, lo etse tumelo ya bone.


A busa lebala la Joretane go ya kwa letsheng la Khinerothe kwa botlhabatsatsi le go ya kwa Lewatleng la Lebala la Joretane kwa Lewatleng la Letswai kwa botlhabatsatsi, fa go iwang kwa Bethe-Ješimothe le kwa borwa fa tlase ga mekgokolosa ya Phiseka.


Mo lebaleng la Joretane ba abelwa metse ya Bethe-Harame le Bethe-Nimera le Sukothe le Safone, mo e leng lesalela la puso ya ga Sihone kgosi ya Hešebone. Molelwane e ne e le Joretane go ya kwa bofelong jwa letsha la Khinerethe kwa moseja ga Joretane ntlheng ya botlhabatsatsi.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan