Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 4:8 - Setswana 1970

8 Jesu a mo araba a re: “Go kwadilwe ga twe: ‘Obamela Morena, Modimo wa gago, o direle ena a le esi fela.’ ”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

8 Jesu a fetola a re “Re tshwanetse go obamela Modimo, ene ka esi. ‘Go kwadilwe jalo mo dikwalong.’ ”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

8 Mi Yesu a araba a mo raea, Tloga ha go ’na, Satana, gone go kuariloe, U tla obamela Yehova Morimo oa gago, mi ona osi u tla o rihela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

8 Jesu a mo fetola a re: “Go kwadilwe ga twe: ‘O obamele Morena Modimo wa gago, mme o direle one o le osi fela.’ ”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 4:8
14 Iomraidhean Croise  

Hesekia a ba a rapela fa pele ga Morena a re: “Morena, Modimo wa Iseraele, yo o ntseng godimo ga boKerubime. Ke wena Modimo o le wesi fela wa magosi aotlhe a lefatshe. Wena o dirile legodimo le lefatshe.


A ba tlhajwe ke ditlhong, ba boife ka go sa feleng. A ba setlhafale ka ditlhong, ba latlhege


Matlho a a ikgodisang a motho a tla kokobediwa; bogolo jwa banna bo tla obiwa. Morena o tla bo a le mogolo a le esi fela ka letsatsi leo.


Mme Jesu a retologa, a raya Petoro a re: “Ntlogele ò mpote morago, Satane! O sekgopi mo go nna; gonne ga ò gopole tsa Modimo, ò gopola tsa batho.”


Jesu a mo fetola a re: “Ntlogela, Satane! Gonne go kwadilwe ga twe: ‘O tshwanetse go obamela Morena, Modimo wa gago le go direla ene a le esi fela.’ ”


Jesu a mo araba a re: “Go kwadilwe ga twe: ‘Motho ga a nke a phela ka senkgwe fela, mme o phela ka Lefoko lengwe le lengwe la Modimo.’ ”


Jaanong, fa o ka nkobamela, e tla nna jwa gago jotlhe.”


Boifang Morena, Modimo wa lona, lo mo direle, lo mo ngaparele, lo ikane ka leina la gagwe.


mme o boife Morena, Modimo wa gago, o mo direle, o ikane ka leina la gagwe.


Ka moo, ikokobeletseng Modimo; ganetsang Diabolo, mme o tla tshaba mo go lona.


Lo emelane nae ka go tlhomama mo tumelong, ka lo itse gore tsona dipogiso tseo di dirafalela bakaulengwe ba lona ba ba mo lefatsheng.


Jaanong ka wela fa dinaong tsa gagwe go mo obamela. Mme a nthaya a re: “Nnyaya, se dire jalo! Ke motlhanka-ka-wena le bomorwa-rraago ba ba nang le tshupo ya ga Jesu; obamela Modimo.” Kana tshupo ya ga Jesu ke mowa wa boporofeti.


Mme a nthaya a re: “Nnyaya, se dire jalo! Ke motlhanka-ka-wena le bomorwa-rraago le baporofeti le ba ba tshegetsang mafoko a lokwalo lo. Obamela Modimo!”


Mme Samuele a raya Baiseraele botlhe a re: “Fa lo rata go boela kwa Moreneng ka pelo yotlhe, tlosang medimo e sele e e mo gare ga lona le boAšethorethe, lo ineele Morena ka dipelo tsa lona, lo mo direle a le esi; foo o tla lo pholosa mo diatleng tsa Bafelesita.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan