Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 4:7 - Setswana 1970

7 Jaanong, fa o ka nkobamela, e tla nna jwa gago jotlhe.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

7 Ki gona ha u tla ’nkhubamela, cotle li tla na tsa gago.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

7 Ke gone fa o ka nkobamela, gotlhe e tlaa nna ga gago.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 4:7
11 Iomraidhean Croise  

Dikgosi tsotlhe di tla mo ikobela, ditšhaba tsotlhe di tla mo direla.


Morena o bua jaana a re: “Khumo ya Egepeto le kgwebo ya Ethiopia le Baseba ba e leng banna ba baleele di tla tlisiwa kwa go wena gore e nne tsa gago; ba tla go latela, ba fetela pele ba ntse ba golegilwe ka dikeetane, ba obamela ba lebile kwa go wena ba re: ‘Ka nnete, Modimo o na nao; ga go na ope o sele, ga go modimo o mongwe.


Ba ba ntshang gouta mo letloleng le go lekanya selefera ka selekanyetso, ba rapa mothudi wa gouta gore a dire modimo ka tsona; ba feta ba khubama, ee, ba o obamela.


Ba feta ba tsena mo ntlong, ba bona ngwana, a na le Maria, mmaagwe. Jaanong ba wela fa fatshe, ba mo obamela, ba be ba phutholola matlotlo a bone, ba mo ntshetsa dineo, e bong gouta le maswalo le mera.


a ba a wela fa fatshe ka sefatlhego fa dinaong tsa gagwe, a mo leboga; mme yoo ya bo e le Mosamaria.


Diabolo a mo raya a re: “Ke tla go naya borena jotlhe jo, le kgalalelo ya jona; gonne ke bo filwe, mme ke bo naya yo ke ratang go bo mo naya.


Jesu a mo araba a re: “Go kwadilwe ga twe: ‘Obamela Morena, Modimo wa gago, o direle ena a le esi fela.’ ”


Ya re a bona Jesu, a goa, a wela fa fatshe fa pele ga gagwe, a goa a re: “Ke na le eng le wena, Jesu, Morwa Modimo Mogodimodimo? Ke a go rapela: O se ka wa ntlhokofatsa.”


Ke nna Johane yo ke utlwileng dilo tseo, ka di bona. E rile ke utlwa, ka bona, ka wela fa fatshe go obamela fa dinaong tsa moengele yo o mpontshitseng dilo tseo.


bagolo ba ba 24 ba itigele fa pele ga yo o ntseng mo sedulong, ba obamele ene yo o phelang ka bosakhutleng, ba bee dirwalo tsa bona tsa bogosi fa pele ga sedulo, ba bue ba re:


Ya re e tsaya lokwalo, diphedi tse nne le bagolo ba ba 24 ba wela fa pele ga Kwana, mongwe le mongwe a tshotse harepa le megotšwana ya gouta e tletse maswalo a e leng merapelo ya baitshepi.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan