Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 4:40 - Setswana 1970

40 Ya re letsatsi le phirima, botlhe ba ba nang le ba ba lwalang malwetse a mefutafuta ba ba tsisa kwa go ene; a baya mongwe le mongwe wa bone diatla, a ba fodisa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

40 Ya re letsatsi le phirima mo maabanyaneng ao, baagi ba motse botlhe ba ba nang le balwetse mo magaeng a bone, go sa re sepe gore e ka bo e le malwetse a a ntseng jang, ba ba tlisa kwa go Jesu; mme erile fa a ba baya diatla ba fola.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

40 ¶ Mi ka letsatsi le phirima, botle ba ba nañ le ba ba bobolañ ka maloetse a sele, ba ba lere go ena; mi a baea liatla mo go moñue le moñue oa bona, mi a ba horisa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

40 Jaana e rile letsatsi le kotlomela, botlhe ba ba nang le ba ba bobolang malwetse mangwe le mangwe, ba ba isa kwa go ene; mme a baya diatla mo go mongwe le mongwe wa bone, a ba fodisa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 4:40
12 Iomraidhean Croise  

Difofu di a bona, batlhotsi ba a tsamaya, balepero ba a phepafadiwa, disusu di a utlwa, baswi ba a tsosiwa, bahumanegi ba rerelwa Efangele.


E rile a utlwa, a tloga teng ka mokoro, a ya a le nosi felong gongwe kwa sekakeng; mme ya re batho ba utlwa, ba mo latela ka dinao, ba tswa mo metseng.


gonne o ne a fodisa ba bantsi, mo ba bileng ba mo kgotlhaganela botlhe ba ba nang le matlhoko gore ba mo ame.


a mo rapela thata a re: “Morwadiake yo monnye o gaufi le go swa; a ò ko o tle, o mmee diatla gore a fole, a phele.”


Mme a palelwa ke go dira tiro ya kgakgamatso teng, fa e se go baya balwetse ba se kae diatla le go ba fodisa.


mo e bileng masela a a amileng letlalo la gagwe gongwe dikhiba di neng tsa bewa mo balwetseng, mme malwetse a tloga mo go bone, le mewa e e bosula ya tswa.


mo ba bileng ba ntshetsa balwetse mo mebileng, ba ba baya mo diphateng le mo malaong gore e re Petoro a tla, le fa e ka bo e le moriti wa gagwe fela, o ritifalele mongwe wa bone.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan