Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 4:35 - Setswana 1970

35 Jesu a o kgalemela a re: “Didimala o tswe mo go ene!” Mme ya re modemone o sena go mo piriganyetsa mo gare ga bone, wa tswa mo go ene, o sa mo utlwisa botlhoko.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

35 Jesu a mo kgaodisa go bua a re, “Didimala!” A raya mowa o o maswe a re, “Tswela kwa ntle!” Mme mowa o o maswe wa latlhela monna fa fatshe fa bontsintsing jwa batho bo ntse bo lebeletse; mme wa mo tlogela ‘o’ sa mo utlwisa botlhoko gope.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

35 Mi Yesu a muela, a re, Khautsa; mi u coe go ena. Mi ka modemona a sina mo rigela ha gare, a coa go ena, mi a sa mo senye gope.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

35 Mme Jesu a o kgalemela a re: “Didimala, o tswe mo go ene,” ya re mowa o o maswe o sena go mo piriganya fa gare ga bone, wa tswa mo go ene, mme wa se ka wa mo utlwisa botlhoko.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 4:35
17 Iomraidhean Croise  

Mme moikepi ena, Modimo o mo raya o re: “O balelang melao ya me le go bua kgolagano ya me ka molomo wa gago,


Mme moengele wa Morena a raya Satane a re: “A Morena a go kgalemele, wena Satane! Ee, Morena yo o itlhophetseng Jerusalema a a go kgalemele! Yoo a ga se motswaiso o o swatotsweng mo molelong?”


Foo Jesu a kgalemela modemone, wa tswa mo go ene, mme mosimane a fola e sa le ka nako eo.


A ba raya a re: “Lo boifelang, ba tumelonyana ke lona?” Ke fa a tsoga, a kgalemela diphefo le letsha, ga ba ga nna tidimalo e kgolo.


Ya re mowa o o itshekologileng o mo rutlarutla, wa goa ka lentswe le legolo, wa tswa mo go ene.


A tsoga, a kgalemela phefo, a raya letsha a re: “Kgaotsa o didimale!” Phefo ya khutla, ga ba ga nna tidimalo e kgolo.


Ke fa o goa, o mo rutlarutla thata, o tswa; mosimane a nna jaaka moswi, mo ba bantsi ba bileng ba re: “O sule.”


Mme fa mongwe yo o senatla bogolo go ene a mo tlhasela, a mo fenya, o mo tseela dibolai tsa gagwe tse a di ikantseng, a abe dithopo tsa gagwe.


A ba raya a re: “Kana lo tla nthaya ka seane lo re: ‘Ngaka, iphodise! Tsotlhe tse re di utlwetseng di dirafetse kwa Kaperenaume, di dire le mono motseng wa ga eno.’ ”


Jesu a ema, a mo okama, a kgalemela go fisa, mme ga mo tlogela; a akofa a tsoga, a ba direla.


Medemone le yona ya tswa mo go ba le bantsi, ya goa ya re: “O Morwa Modimo.” Mme a e kgalemela, a se ka a e lesa go bua; gonne e ne e itse gore ke ene Keresete.


Ke fa ba tla, ba mo tsosa ba re: “Moruti, Moruti, re a nyelela!” A tsoga, a kgalemela phefo le dintelo tsa metsi; tsa khutla, ga ba ga nna tidimalo.


Bona, mowa o a tle o mo tshware, mme a goe ka tshoganyetso; mowa o mo rutlarutle, a ba a phoke mafulo; ke ka sewelo fela fa o mo tlogela sebakanyana, o sa mmogise.


Ya re a sa ntse a tla kwa go ene, modemone wa mo rutlarutla, wa mo karalatsa. Mme Jesu a kgalemela mowa o o itshekologileng, a fodisa mosimane, a ba a mo neela rraagwe.


Itumeleng ka ntlha ya moo, lona magodimo, le lona ba lo agileng mo go ona; a tatlhego wee ya lona ba lo agileng mo lefatsheng le mo lewatleng; ka gonne Diabolo o fologetse koo go lona, a tletse bogale jo bogolo, ka a itse gore sebaka sa gagwe se sekhutshwane.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan