Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 4:27 - Setswana 1970

27 E bile go ne go le balepero ba le bantsi mo Iseraele mo metlheng ya ga Elisa moporofeti; mme ga go a ka go fodisiwa ope wa bone, fa e se Naamane wa Mosiria.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

27 Kgotsa akanyang moporofiti Elija, yo o neng a fodisa Naamane wa Mosiria, bogolo go balepero ba le bantsi ba Sejuta ba ba neng ba tlhoka thuso.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

27 Gabo gole baleperoi bautsi mo Yesereleñ mo motleñ oa ga Elishe moperofeti, mi go si na ope oa bona eo o ntlaharicoeñ, ha e si Naamane oa Mosiria.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

27 Gape go ne go le balepero ba le bantsi mo Iseraele mo metlheng ya moperofeti Eliša; mme ope wa bone a se ka a ntlafadiwa fa e se Naamane wa Mosiria.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 4:27
10 Iomraidhean Croise  

A motho o ka ruta Modimo kitso, ona o o sekisang ba ba kwa godimo?


Ke ka ntlha ya eng fa ò o lwantsha ò re: ‘Ga o arabe lefoko lepe la me.’


Ke mang yo o ka o laelang tsela ya ona; ke mang yo o ka o rayang a re: ‘O dirile tshiamololo’?


Baagi botlhe ba lefatshe ga ba kaiwe sepe. O direla mophato wa legodimo le baagi ba lefatshe ka fa a ratang ka teng. Ga go na ope yo o ka thibelang letsogo la gagwe, gongwe yo o ka mo arabisang a re: ‘O dirang?’


ka fa o neng a tsena mo ntlong ya Modimo ka teng, a ja dinkgwe tsa tshupo tse a sa letlelelwang go di ja, le fa e le ba ba neng ba na nae, fa e se baperesiti fela?


Jesu a ntsha letsogo, a mo ama a re: “Ke a rata, phepafala!” Mme a akofa a fola lepero la gagwe.


Ya re ba utlwa dilo tseo, botlhe ba ba mo senagogeng ba tlala bogale,


E rile ke sa ntse ke na nabo mo lefatsheng, ka ba femela ka leina la gago; ba o ba nneileng ka ba disa. Ga go ope wa bone yo o latlhegileng, fa e se morwa-tatlhego, gore Lokwalo lo dirafale.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan