Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 4:25 - Setswana 1970

25 “Mme ka boammaaruri ke lo raya ke re: Go ne go le batlholagadi ba le bantsi mo Iseraele mo malatsing a ga Elia, fa legodimo le tswetswe dinyaga di le tharo le dikgwedi di le thataro, go le tlala e kgolo mo lefatsheng lotlhe;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

25-26 Sekai ke se, “Gakologelwang jaaka moporofiti Elija a ne a dira Sarefa a le moeti go tswa lefatsheng la Sidona. Go ne go le batlholagadi ba Sejuta ba le bantsi ba ba neng ba tlhoka thuso mo malatsing ao a leuba, gonne go ne go se na pula selekanyo sa dingwaga di le tharo le sephatlo, mme tlala ya tsena mo lefatsheng ka bokukuntshwane; le fa go ntse jalo Elija a ba a sa romelwa kwa go bone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

25 Mi kia lo raea ka amarure, gabo gole batlolagari bantsi mo Yesereleñ mo motleñ oa ga Eliyahue, ka legorimo le kopecoe ka linyaga li teri, le likhueri li sekes, ga tsamaea ga na tlala e kholu mo hatsiñ yeotle;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

25 “Ke lo bolelela boammaruri ka re, go ne go le basadi ba batlholagadi ba le bantsi mo go Iseraele, mo metlheng ya ga Elija, jale, ka legodimo le tswadilwe ka dinyaga di le tharo le dikgwedi di le thataro, mme ga nna leuba le legolo mo lefatsheng lotlhe;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 4:25
12 Iomraidhean Croise  

Elia wa Thišebe mongwe wa baagi ba Gileate o kile a raya Ahabe a re: “Ka bophelo jwa Morena, Modimo wa Iseraele, yo ke mo direlang! Ka dinyaga tseno ga go kitla go nna monyo le e seng pula, fa e se ka lefoko la me!”


Gonne Morena a re: “Megopolo ya me ga se megopolo ya lona, le gona ditsela tsa lona ga se ditsela tsa me.


A ga ke a letlelelwa go dira se ke se ratang ka tsa me? A kampo leitlho la gago le bosula, ka ke le molemo?’


Ka yona nako eo Jesu a ipela mo Moweng o o Boitshepo a re: “Ke a go leboga, Rara, Morena wa legodimo le lefatshe, ka gonne dilo tse o di subetse ba ba botlhale le ba ba tlhaloganyang, mme o di senoletse ba e leng bana. Ee, Rara; gonne go ne go go kgatlha jalo.


Gonne o reile Moše wa re: “Ke tla utlwela botlhoko yo ke tla mo utlwelang botlhoko; ke tla tlhomogela pelo yo ke tla mo tlhomogelang pelo.”


Motho ke wena! Kana o mang yo o ka ganetsanyang le Modimo? A sebopiwa se ka raya mmopi wa sona sa re: “O mpopetseng jaana?”


Ee, mo go ene, yo re dirilweng ba ona ka ene, rona ba re tlhomamisitsweng pele ka fa maikaelelong a ona o o dirang tsotlhe ka fa kgakololong ya go rata ga ona


ka go re itsise bosaitsiweng jwa thato ya ona e o neng o e ikaeletse mo go ene,


Elia e ne e le motho jaaka rona, mme o ne a rapela thata gore pula e se ka ya na, mme ya se ka ya na mo lefatsheng dinyaga di le tharo le dikgwedi di le thataro.


Bao ba na le thata ya go tswala legodimo gore pula e se ka ya na mo malatsing a go rera ga bone; ba bile ba na le thata mo metsing go a fetola madi le go itaya lefatshe ka dipetso tsa mefutafuta gantsi fela ka fa ba ratang ka teng.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan