Luke 4:23 - Setswana 197023 A ba raya a re: “Kana lo tla nthaya ka seane lo re: ‘Ngaka, iphodise! Tsotlhe tse re di utlwetseng di dirafetse kwa Kaperenaume, di dire le mono motseng wa ga eno.’ ” Faic an caibideilLefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha23 Mme Jesu a re, “Nkete lo tlaa mpuela seane se se reng, ‘Ngaka, iphodise’ ke gore, ‘Ke eng fa o sa dire dikgakgamatso fano mo legaeng la gaeno jaaka tse o neng o di dira kwa Kaperenama?’ Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)23 Mi a ba raea, Amarure lo tla ’mpulelela secuanco se, Ñaka, u iphorise; cotle tse re li utluileñ, tse ri rihetseñ mo Kaperenama, u rihe yalo monu mo hatsiñ ya gago. Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo23 A ba raya a re: “Ruri, lo a bo lo tlaa mpolelela setshwantsho se, lo re: ‘Ngaka, iphodise; tsotlhe tse re di utwileng di dirilwe kwa Kaperenaume, o di dire le mono lefatsheng la gaeno.’ ” Faic an caibideil |
Gongwe o ka raya mongwe-ka-wena jang o a re: ‘Motho wetsho, nte ke ntshe lofatsana lo lo mo leitlhong la gago,’ etswe o sa bone kota e e mo leitlhong la gago? Moikaketsi ke wena! Ntsha kota mo leitlhong la gago pele, morago ga moo o ka tlhokomela go ntsha lofatsana lo lo mo leitlhong la mongwe-ka-wena.