Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 4:2 - Setswana 1970

2 ka malatsi a le 40, a ntse a raelwa ke Diabolo; mme a sa je sepe mo malatsing ao; ya re a sena go feta, Jesu a tshwarwa ke tlala.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Mi a raeloa ki diabolo ka malatsi a forte, mi a si ka a ya sepe ka malatsi auo; mi ka a sina heta, a utlua tlala bogolu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 a ntse a raelwa ke diabolo ka malatsi a 40. A se ka a ja sepe mo malatsing ao; mme a sena go feta, morago a bolawa ke tlala.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 4:2
16 Iomraidhean Croise  

Le gona ke tla baya letlhoo fa gare ga gago le mosadi le fa gare ga losika lwa gago le losika lwa gagwe; lone lo tla go tšhwetla tlhogo, mme wena o tla lo loma serethe.”


Ke fa a tsoga, a a ja a a nwa, a tsamaya malatsi a le 40 le masigo a le 40 ka thata ya dijo tseo go ya go fitlha kwa thabeng ya Modimo ya Horebe.


“Yaa o phuthe Bajuta botlhe ba ba mono Susane, lo itime dijo ka ntlha ya me, lo se ka lwa ja, lo se ka lwa nwa malatsi a le mararo bosigo le motshegare; le nna le basetsana ba me re tla itima dijo jalo; morago ga moo ke tla tsena kwa kgosing, le fa e se ka fa molaong. Fa ke bolawa, ke tla bolawa.”


Moše a tsena mo teng ga leru, a tlhatlogela kwa thabeng. Moše a nna mo thabeng malatsi a le 40 le masigo a ona.


Moše o ne a nna teng a na le Morena malatsi a le 40 le masigo a le 40, a sa je dijo a sa nwe metsi. Mme a kwala mafoko a kgolagano a le some mo matlapeng ale.


ya tlhaba mokgosi mo Ninife o o reng: “Ka taolo ya kgosi le dikgosana tsa yona, utlwang: ‘A batho ba se ka ba ja sepe, le fa e le diphedi, e leng dikgomo le difutshane; a di se ka tsa fula, le e seng go nwa metsi!


Ya re ka moso phakela, fa a boela kwa motseng, a tshwarwa ke tlala.


E rile a sena go itima dijo malatsi a le 40 le masigo a le 40, a tshwarwa ke tlala.


Jaanong Diabolo a mo raya a re: “E re fa o le Morwa Modimo, raya lentswe le, le fetoge senkgwe.”


Foo ga bo go le sediba sa ga Jakobe. Jaanong ya re ka Jesu a lapisitswe ke leeto, a nna fa sedibeng, e ne e ka nna ka nako ya motshegare.


Ka wela fa fatshe fa pele ga Morena malatsi a le 40 le masigo a le 40 jaaka ga ntlha, ke sa je, ke sa nwe, ka ntlha ya maleo otlhe a lona a lo a dirileng ka go dira tse di bosula mo matlhong a Morena go mo gakatsa.


“E rile ke ntse ke wetse fa fatshe fa pele ga Morena ka malatsi ale a a 40 le masigo a a 40 a ke ne ke wetse fa fatshe ka ona, ka Morena a ne a re o a lo nyeletsa,


E ne e le jale fa ke tlhatlogetse kwa thabeng go amogela matlapa a maboti, e bong matlapa a kgolagano e Morena a e dirileng le lona, ka nna kwa thabeng malatsi a le 40 le masigo a le 40, ke sa je, ke sa nwe.


Gonne e re ka a bogile ka esi ka go raelwa, o nonofile go thusa ba ba raelwang.


Gonne moperesiti yo mogolo wa rona ga se yo o palelwang ke go utlwela makoa a rona botlhoko, mme re na le yo o neng a raelwa mo dilong tsotlhe fela jaaka rona, mme a se ka a leofa.


Mme Mofelesita yole a atamela mo mosong le mantsiboa, a ikemisa jalo malatsi a le 40.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan