Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 4:16 - Setswana 1970

16 A fitlha mo Nasaretha, kwa a goletseng teng, a ba a tsena mo senagogeng ka letsatsi la Sabata ka fa tlwaelong ya gagwe, mme a ema gore a buise.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

16 E rile fa a tsena mo motsing wa Nasaretha, mo legaeng le o tsaletsweng mo go lone, a ya jaaka gale kwa tlung ya thuto ka Sabata, mme a ema a bala dikwalo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

16 ¶ Mi a hitla mo Nasareta kua o gorisericoeñ gona; mi a tsena mo senagogeñ ka tsatsi ya sabata, yaka temalo ea gague, mi a tloga a ema go buisa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

16 Mme a fitlha mo Nasaretha kwa o goletseng teng; mme a tsena mo ntlong ya thuto ka letsatsi la Sabata jaaka a tlwaetse, a ema gore a bale.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 4:16
14 Iomraidhean Croise  

a ba a fitlha a aga mo motseng o o bidiwang Nasaretha; ka go dira jalo ga dirafala se se builweng ke baporofeti ba re: “O tla bidiwa Monasaretha.”


Ya re ba sena go swetsa tsotlhe ka fa molaong wa Morena, ba boela kwa Galelea kwa motseng wa ga bone wa Nasaretha.


E rile a le dinyaga di le 12, ba tlhatlogela kwa Jerusalema ka fa tlwaelong ya moletlo.


Mme a tsamaya nabo, a fitlha mo Nasaretha, a ba utlwa; mmaagwe a boloka mafoko aotlhe ao mo pelong.


A ruta mo disenagogeng tsa bone, a tlotlomadiwa ke botlhe.


Foo a neelwa lokwalo lwa moporofeti Jesaya. Ya re a phutholola lokwalo, a bona felo fa go kwadilweng teng ga twe:


Jaanong a simolola go ba raya a re: “Se se kwadilweng fa, se dirafetse kajeno, lwa se ikutlwela.”


A ba raya a re: “Kana lo tla nthaya ka seane lo re: ‘Ngaka, iphodise! Tsotlhe tse re di utlwetseng di dirafetse kwa Kaperenaume, di dire le mono motseng wa ga eno.’ ”


Jesu a mo araba a re: “Ke buile le batho phatlalatsa, ka ruta ka gale mo senagogeng le mo Tempeleng, kwa Bajuta botlhe ba phuthegelang teng, ga ke a ka ka bua sepe mo sephiring.


Paulo a tsena fa go bone ka fa tlwaelong ya gagwe, a nna a fetolana nabo ka fa Dikwalong ka boSabata ba le tharo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan