Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 4:1 - Setswana 1970

1 Jaanong Jesu a boa kwa Joretane, a tletse Mowa o o Boitshepo, a ba a gogelwa ke Mowa kwa le kwa mo sekakeng

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

1-2 Mme ya re Jesu a ntse a tletse Mowa O O Boitshepo, a tloga mo nokeng ya Jorodane, a tlhotlheleditswe ke Mowa O O Boitshepo a ya mafatshing a Judea, kwa Satane o neng a mo raela selekanyo sa malatsi a le masome a mane. O ne a sa je sepe mo lobakeng loo lotlhe, mme a ba a tshwerwe ke tlala.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 MI Yesu ka a tletse Moea oa Boitsepho, a ba a coa Yoridane, mi a gogeloa ki Moea kua gareganaga.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 Jesu a ntse a tletse Mowa o o Boitshepo, a boa kwa Joretane, a nna a tsamaisiwa ke Mowa mo gare ga naga,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 4:1
19 Iomraidhean Croise  

E ka re gongwe ke go tlogela, Mowa wa Morena wa sala o go isa kwa ke sa go itseng, mme ka feta ka bolelela Ahabe, a tla go go batla, mme a se ka a go bona, foo o tla mpolaya. Mme nna motlhanka wa gago ke boifa Morena go tswa bonyaneng jwa me.


Mme ene a ya kwa sekakeng ka leeto la letsatsi, a fitlha a dula fa tlase ga motlopi, a ikopela go swa a re: “Jaanong go lekanye, Morena, tsaya mowa wa me; gonne ga ke a siama go gaisa borre.”


Mowa wa Morena Modimo o mo go nna, ka gonne Morena o ntloditse, a nthoma go rerela babogisegi mafoko a boitumelo le go alafa ba ba pelo-di-phatlogileng le go itsise batshwarwi kgololo le ba ba golegilweng go bulwa ga kgolegelo,


Mowa wa ntsholetsa, wa ntlosa; ka tsamaya ke kgopisegile mo moweng ka botlhoko, ke imelwa ke seatla sa Morena.


Ya re Jesu a sena go kolobediwa, a tswa mo metsing ka bonako. Foo magodimo a mmulegela, a bona Mowa wa Modimo o fologa jaaka lephoi, o tla mo go ene.


A isiwa ke Mowa kwa Tempeleng. Ya re batsadi ba tsisa ngwana Jesu go mo direla ka fa mokgweng wa molao,


Jaanong a fitlha mo lefatsheng lotlhe le le mo tikologong ya Joretane, a rera kolobetso ya tlhabologo e e isang boitshwarelong jwa dibe,


wa ga Enose, wa ga Sethe, wa ga Atame, wa Modimo.


Jesu a boela kwa Galelea ka thata ya Mowa; mme tumo ya gagwe ya tswela mo lefatsheng lotlhe le le mo tikologong.


“Mowa wa Morena o mo go nna, ka gonne o ntloleditse go rerela bahumanegi Efangele; a ba a nthoma go fodisa ba ba pelo di phatlogileng, go bolelela batshwarwi kgololo, le difofu go baa di bona, le ba ba ketekilweng go ba naya tsela ba golotswe,


Johane a ba a supa a re: “Ke bonye Mowa o fologa jaaka lephoi, o tswa legodimong, wa nna mo go ene.


Gonne yo Modimo o mo romileng o bua mafoko a Modimo; gonne o aba Mowa kwa ntle ga selekanyo.


go fitlha mo letsatsing le a tlhatlositsweng ka lone, a sena go laola baapostolo ka Mowa o o Boitshepo ba a ba itlhaoletseng.


e bong sa ga Jesu wa Nasaretha, jaaka Modimo o mo tloditse ka Mowa o o Boitshepo le ka nonofo; yo o ne a dikologa a dira molemo, a fodisa botlhe ba ba gatelelwang ke Diabolo; gonne Modimo o ne o na nae.


Ya re ba tswa mo metsing, Mowa wa Morena wa tlosa Filipo, mme modiredi a se ka a tlhola a mmona; fela a tswelela mo tseleng ya gagwe ka boitumelo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan