Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 3:23 - Setswana 1970

23 E rile Jesu a simolola go ruta, a bo a na le dinyaga tse di ka neng di le 30, mme – jaaka go ne go gopolwa – ya bo e le morwa Josefa, wa ga Eli,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

23 Jesu o ne a na le dingwaga di ka nna masome mararo fa a simolola tirelo ya gagwe. O na a itsege e le morwa Josefe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

23 Mi Yesu bogolu yoa gague bo simolola go na linyaga li kane li le terte, eo e leñ, (yaka bathu ba le ba itloma) moroa Yosefe, moroa Heli,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

23 Jesu ka esi o rile a simolola go ruta, a bo a le e ka ne e le dinyaga di le 30 mme, jaaka go ne go gopolwa, ya bo e le morwa Josefe, morwa Heli,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 3:23
20 Iomraidhean Croise  

E rile motlhang Josefa a emang fa pele ga Farao, kgosi ya Egepeto, a bo a le dinyaga di le 30. Jaanong Josefa a tloga mo go Farao, a photlaphotla lefatshe lotlhe la Egepeto.


Ya re Dafita a simolola go busa, a bo a le dinyaga di le 30; a busa dinyaga di le 40.


go simolola ka ba ba dinyaga di le 30 le bomogoloa-bone go fitlha mo go ba ba dinyaga di le 50, e bong botlhe ba ba ka tsenang mo tirong go e dira kwa Tenteng ya Boipontsho.


go simolola ka ba ba dinyaga di le 30 le bomogoloa-bone go fitlha mo go ba ba dinyaga di le 50, e bong botlhe ba ba tshwanetseng go tsena tirong go dira kwa Tenteng ya Boipontsho.


go simolola ka ba ba dinyaga di le 30 le bomogoloa-bone go fitlha mo go ba ba dinyaga di le 50, e bong botlhe ba ba tshwanetseng go tsena mo tirong go dira kwa Tenteng ya Boipontsho.


go simolola ka ba ba dinyaga di le 30 le bomogoloa-bone go fitlha mo go ba ba dinyaga di le 50, e bong botlhe ba ba tshwanetseng go tsena mo tirelong, e bong mo tirong kwa Tenteng ya Boipontsho.


go simolola ka ba ba dinyaga di le 30 le bomogoloa-bone go fitlha mo go ba ba dinyaga di le 50, e bong botlhe ba ba tshwanetseng go tsena go dira ditiro tsa tirelo le tsa go rwala kwa Tenteng ya Boipontsho;


Lokwalo lwa lotso lwa ga Jesu morwa Dafita, morwa Aborahame.


Jakobe a tsala Josefa, monna wa ga Maria yo o belegeng Jesu yo o bidiwang Keresete.


Obete a tsala Isai; Isai a tsala kgosi Dafita. Dafita le mogatsa-Uria ba tsala Salomo.


A ga se ene morwa mmetli? Mmaagwe a ga a bidiwe Maria le bomonnawe Jakobo le Josefa le Simone le Juta?


Go tloga foo Jesu a simolola go rera a re: “Tlhabologang; gonne puso ya magodimo e atametse!”


A yo ga se ene mmetli, morwa Maria, mogoloa boJakobo le Josefa le Juta le Simone? Le bokgaitsadie a ga ba nne le rona mono?” Ba be ba kgopisega ka ga gagwe.


Ya re ba mmona, ba gamarega. Mme mmaagwe a mo raya a re: “Ngwanaka, o ne o re direlelang jalo? Bona, rraago le nna re go batlile ka bohutsana.”


wa ga Melea, wa ga Menane, wa ga Mathata, wa ga Nathane, wa ga Dafita,


Botlhe ba supa ka ga gagwe, ba gakgamalela mafoko a a monate a a tswang mo molomong wa gagwe ba re: “Yo, a ga se morwa Josefa?”


Filipo a bona Nathanaele, a mo raya a re: “Re bonye yo Moše a kwadileng ka ga gagwe mo molaong, le bone baporofeti, e bong Jesu, morwa Josefa wa Nasaretha.”


ba re: “Yo a ga se Jesu, morwa Josefa, yo rraagwe le mmaagwe re ba itseng? O bua jang jaanong fa a re: ‘Ke fologile kwa legodimong’?”


Lokwalo lwa pele ke lo kwadile, wena Theofilo, ka ga tsotlhe tse Jesu o simolotseng go di dira le go di ruta,


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan